Mosinkiemang o latofatsa mogokgo wa sekolo sa Thusoetsile ka go gana ka setifikeiti sa gagwe sa marematlou


Setshwantsho: Mongwe wa baithuti, Tshwarelo Mosinkiemang/Facebook  

Ka OBAKENG MAJE

Bangwe ba baithuti ba maloba ba sekolo se segolwane sa Thusoetsile kwa motseng wa Sekhing, ba kaile fa mogokgo a ba ganela ka ditifikeiti tsa bone tsa marematlou, gonne ba kolota. Baithuti ba, ba kaile fa go se bonolo mo go bone go ka batlana le tiro, gonne ba sena ditifikeiti tsa marematlou.

Mongwe wa baithuti bano go tswa kwa Majeakgoro, Tshwarelo Mosinkiemang wa tlhalosa.

“Ke ne ke dira dithuto tsa marematlou kwa sekolong se se golwane sa Thusoetsile ka ngwaga wa 2021. Ene ya re ka ngwaga o fetileleng wa 2022, ke ile ka ya kwa sekolong, go kopa setifikeiti saka sa marematlou. Fela, seo ga senke se direge, gonne mogokgo o ile a nlaela fa ke koloto sekolo madi.

“Mogokgo o ile a tlhalosa fa ke kolota sekolo madi a kanang ka R700. O kaile fa R500 ele ya dikampa (school camps) tsa marematlou, mme R200 ele tefo ya sekolo (school fees). O ile a gana le go ntirela dikhopi (copies), mme are ke duele madi ao pele,” Mosinkiemang wa tlhalosa.

Are go fitlha ga jaana, ga a kgone le go batla ditiro, gonne a sena setifikeiti sa marematlou. Mosinkiemang are, o ikuela go mongwe le mongwe o ka mo thusang gore a ke a bone thuso le go bona setifikeite sa gagwe sa marematlou.

Kgabagare, sebuleledi sa Lefapha La Thuto mo Bokone Bophirima, Elias Malindi are: “Jaaka rele lefapha, ga re itse sepe ka tiragalo eo. Ga go mo molaong gore mogokgo a ganele baithuti ka ditifikeiti tsa bone. Fa gona le madi a kolotiwang sekolo, mogokgo o tshwanetse go buaisina le batsadi ba baithuti bao, mme ba bone gore ba rarabolola bothata jo jang.

“Lefapha le buile mo nakong e e fetileng gore, ditifikeiti, kgotsa direpoto tsa baithuiti ga di a tshwanelwa go tshwarwa fela ka ntlheng ya gore baithuiti ba kolota sekolo. Batsadi ke bone ba ba tshwanetseng go ka rweswa maikarabelo ao. Jaaka lefapha, re tlile go bolotsa dibatlisiso mo morerong o.”

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.