Ntlo e lakailwa ke molelo kwa Lokgabeng


Setshwantsho: Ntlwana e lakailwa ke molelo kwa Lokgabeng

Ka OBAKENG MAJE

Beng ba ntlo nngwe kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, ba kaile fa ba setse ba gamaregile morago ga gore go runye molelo kwa ntlwaneg ya bone. Go ya ka sebueledi sa lelapa, Oneilwe Seleho, molelo o, o runtse kwa ntlwaneng e e dirisiwang go baya dilwana (spare room).

Seleho are, mo teng ga ntlwana eo, gone go na le di audrop tse tharo tse dintsha, malao (bedroom suits) a le mararo a mantsha, ga mmogo le disamente dile 20. Go ya ka Seleho, ene ele ka ura ya bone fa molelo o, o runya.

ā€œTota ga re itse gore sebakwa sa molelo ke eng, gonne re ne re ntse re dutse kwa ntle, mme rene ra tsena mo ntlung e tonna. Ene ya re morago ga metsotso ele tlhano re fetsa go tsena mo ntlung, rene ra utlwa batho ba gowa kwa ntle ba re gwa sha.  

ā€œRe ne ra itelekela kwa ntle, mme rene ra fitlhela ntlwana eo re beileng dilwana mo go yone e lakailwa ke molelo. Re ne ra bula ntlwana eo, mme ra fitlhela fa kgabo ya molelo e setse e lakaitse dingwe tsa dilwana tse di neng di beilwa foo,ā€ Seleho wa tlhalosa.

Sehelo are, fela se se ba makaditseng ke gore, ekare molelo o, kgale o ntse o tshimolotse, mme one tukela kwa tlase. Are ga go gotsetswe mo ntlwaneng eo, mme sebakwa sa molelo e ka tswa ele eng.  

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.