Baagi ba amogela tsoseletso ya porojeke ya tsela ya dimilione dile R109 kwa Molelema


Setshwantsho: Mokhuduthamaga wa Ditsela, Oageng Molapisi ga mmogo le rakonteraka, Daddy Tong

Ka OBAKENG MAJE

Bontsi jwa baagi go tswa kwa motseng wa Molelema le Matsheng, ba kaile fa ba amogela tsoseletso ya porojeke ya tsela e e gokaganyang metse eno ka bobedi. Mokhuduthamaga wa Dithoto tsa Sechaba ga mmogo le Ditsela, Oageng Molapisi, o letse a tsene kopano le baagi bano, mme ntlha phisegelo ele go ka itsise rakonteraka wa porojeke, Botong Nkolele JV Construction e e tsamaisiwang ke Daddy Tong.

Porojeke ya dimilione tsa diranta di feta 65, ene ya puagangwe ke rakonteraka morgao ga dikgoga-kgogano magareng ga ene le lefapha. Go ya ka lefapha, rakonteraka one a kaya fa madi a porojeke e, a le ma nnye, mme one a ikuela go lefapha go ka oketsa madi ao.

Fela, lefpaha lene la seka la mo tshekegela tsebe, mme one a leba kwa kgotlha-tshekelo go batla tsereganyo. Jaanong, Molapisi o tlhaloseditse baagi fa ba bone tharabololo mo morerong o, ebile lefapha la gagwe le okeditse madi a porojeke.

“O tla itse gore, re thapile rakonteraka ka Tlhakole 2020, mme ka Mopitlwe, mopresidente wa naga, Cyril Rampoahosa, a be tsenya naga mo tlase ga taolo ka ntlha ya kamano ya bolwetsi jwa COVID-19. Kanamo ya COVID-19, e ile ya emisa ditirelo tsotlhe go ralala naga.

“Mme seo, se ile sa ama rakonteraka gore a ka tswelela ka tiro ya gagwe. Fela, morago ga gore rakonteraka a boele tirong fa naga ene e tsentswe mo tlase ga seemo sa bobedi, se se diragetseng ke gore, rakonteraka o ile a tlhagisa gore ga a kitla a kgona go tswelela ka ntlheng ya gore madi a neetsweng ale manyenyane. Jaanong, o ile a kopa gore a dire dikhilomitara di le supa fela,” Molapisi wa tlhalosa.

O kaile fa lefapha la gagwe le ile la bona gole matshwanedi gore rakonteraka a dire se ba dumalaneng ka sone. Molapisi are, porojeke ya tsela ene ele dikilomitara dile le some, jaanong seo seile sab aka ketsaetsego le go sa utlwane.  

“Go ile ga nna le dikgetsi tsa semolao magareng ga lefapha le rakonteraka. Jaanong, go ile ga tsaya lobaka gore bothata jo, bo rarabololwe. O tla gopola gape gore, lefapha le ile la bewa ka fa tlase ga tsamaiso, mme motsamaise yo one a thapilwe (administrator) o ile a tlhalosa gore ga gona gore re ka seka-seka konteraka eo, gone morero o, o setse ole ko kgotlha-tshekelo.

“Fela, morago ga go thapiwa ga mo tsamaile wa lefapha (Head of Department), re ile ra dumalana go ka tla ka tharabololo mo kgannyeng e, gonne se se botlhokwa ke go isa ditirelo kwa baaging. Batho ba ba amegang, ke baagi ba rona jaanong re lemogile gore e kabo e setse ele kgale re rarabolotse bothata jo,” Molapisi wa tlhalosa.

Molapisi are rakonteraka o tla tshimolola ka tiro ya boalo jwa tsela fa Seetebosigo a rogwa. O kaile gape fa ba okeditse madi a porojeke, mme one ke R109 ya dimilione.

“Mme re dumalana gore rakonteraka a tlhotlhomise konteraka e, mme a simolole go ala tsela kwa tsela-kgolong ya sekontere e e fetelang Schweizer Reneke go tswa Taung. Maitlhomo le maikaelelo a kopano e, ene ele go ka buisana le baagi gore ba amogela porojeke e. Ga re tshepe fa go ka nna le matsapa fa porojeke e, e tshimolola.

“Re tshepa fa porojeke e, e tlile go simolola ka boalo jwa tsela fa Seetebosigo a rogwa. Porojeke e, e balelwa go dimilione dile R109 morago ga di ntlha tse rakonteraka a di tlhagisitseng,” Molapisi wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.