
Setshwantsho: Baagi ba tsenetse kopano le baetseldipele ba lefapha kwa sekolong sa Baisitse
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba motse wa Manokwane, gaufi le Taung ba setse ba hupile tedu mme ka kaile fa ba sa fetoge mo tshwetsong ya bone. Baagi ba tlhotse ba tsenetse kopano le baeteledipele ba Lefapha la Thuto go tswa kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati.
Seno se tla morago ga gore ba latofatse mogokgo wa sekolo se se potlana sa Baisitse, Lesetjha Kgoahla ka go ruga madi a sekolo. Baagi ba, ba latofatsa Kgoahla gore o lobaka a sa ba neele ditlankana tsa boruni le gore o dirisitse jang matlole a sekolo. Ga jaana, sekolo se, kolota motlamedi wa motlakase, Eskom madi a balelwang go R80 000.
Ene ya re mo bekeng tse tharo tse di fetileng, baagi ba ne ba kaela ba lekwalo dikgang la Taung DailyNews gore Kgoahla ga mmogo le kemedi ya sekolo (School Governing Body) ba laetse batsadi kwa kopanong gore, moithuti mongwe le mongwe a duele madi a kanang ka R150 mo go thuseng sekolo go ka fokotsa sekoloto sa Eskom.
Baagi ba ne ba ipelaetsa le go kopa lefapha le rune matlole a sekolo. Jaanong, lefapha le ne la tlhama komiti eo, mme ene ya etelelwa pele ke Bafana Makhanda jaaka modulasetilo wa yone. Mo letsatsing la gompieno, Makhanda o boleletse batsadi ga mmogo le baagi fa go sena bogwenegwene jo bo diragetseng kwa sekolong mabapi le tsamaiso ya matlole.
“Ngongora ya baagi ene ele gore, sekolo ga nke se ba neele pegelo ya go runiwa ga matlole (financial audit) go tloga ka ngwaga wa 2016. Bagaetsho, re bone ditlakana tsa go runiwa ga matlole a sekolo go tloga ka ngwana wa 2014.
“Jaanong, go tloga ka ngwaga o, go na le ditlankana tsa go runiwa ga matlole tse di tswang ko baitsanape ba ba runang matlole (financial auditors). Re ile ra fitlhelela gore, ditlankana tseo tsa matlole tsa 2020 le 2021, di ile tsa tlhagisiwa mo kopano ya batsadi ka kgwedi ya Sedimonthole 2022,” Makhanda wa tlhalosa.
Makhanda are, ga bana bopaki jwa gore a ditlankana tse dingwe di le tsa tlhagisiwa mo kopano le batsadi gonne ga ba bona dithulaganyo tsa di kopano tseo (minutes). Fela, o kaile fa ditlankana tseo, di le teng kwa sekolong ebile bana le bopaki jwa tsone mo go bone.
“Jaanong, kgang ya gore matlole a sekolo ga dirisiwa sentle, ga se nnete. Gape, le ile la ikuela gore go nne le boruni mo ditlankaneng tsa kgwedi dile robongwe.
“Bagestsho, re ile ra fitlhelela gore sekolo se kolota Eskom madi a kanang ka R80 000. Madi a kolotiwang Eskom, a tshimolotse ele R75 000, mme dipatlisiso tsa rona dishupile fa go tlile ga nna le dipuisano ma gareng ga mogokgo le kemedi ya sekolo,” Makhanda wa tlhalosa.
O kaile mo dipuisanong tseo, go shupa fa sekolo se tlile sa shelwa ke bokoso ya motlakase ka 2021. Jaanong Makhanda are, Eskom e ne ya tlhalosa fa ile ya tsenya bokoso e ntsha.
“Go ya ka Eskom, sekolo sentse se patala madi a sa totobadiwang go ya ka tiriso ya motlakase go tloga ka 2014. Eskom e tlhalositse fa ene e fetsa go tsenya bokoso e ntsha, ene ya dira dipalopalo go bona gore sekolo se dirisitse jang.
“E kaile fa ene ya fitlhela fa sekolo se kolota madi a balelwang go R80 000. Ka mantswe a mangwe, ga gona botlhatshwa jo bo dirilweng ke sekolo. Mme fela, sekolo sentse se duela Eskom sentle,” Makhanda wa tlhalosa.
Are, botlhatshwa jotlhe bo tlile ka Eskom go ya ka mokgwa o ba neetseng sekolo pego ya bone ka teng. Makhanda o tsweletse ka gore, dingwaga tse tsotlhe, Eskom e tlhalositse fa go tloga ka ngwaga wa 2021, e ntse e phopholetsa gore sekolo se dirisitse motlakase wa madi a balelwang go bo kae, mme e sena bo nnete.
“Dipatlisiso di shupa gore ene ya re mogokgo go bona pego ya Eskom, one a bitsa kopano le morafe. Ke mo go ilwe ga dumalana gore moithuti mongwe le mongwe a duele R150 go thusa sekolo go duela sekoloto sa Eskom.
“Fela, go bontsha fa go sena le ha ele motswadi ale mongwe o a ileng a duela madi ao. Enngwe kgang e re ile ra e fitlhelela ke gore, baithuti ba ne ba fetsa dibeke dile pedi ba sa bone dijo kwa sekolong. Fela go ya ka dipatlisiso, sekolo se dirisa madi a kanang ka R7000 kgwedi le kgwedi go rekela baithuti dijo. Jaanong, gona le baithuti ba ba seong mo lenaneng la lefapha gore ba neelwe dijo ka ntlheng ya gore, ditlankana tsa bone di sa felelela,” Makhanda wa tlhalosa.
O kaile fa baithuti ba ba seong mo lenaneng la la go neelang dijo ke sekolo, puso e sa ba duelele. Makhanda are, jaanong seo se ile sa pateletsa sekolo go ka dirisa madi mangwe go oketsa dijo tseo gore di lekane baithuti botlhe.
Kgabagare, mongwe wa baeteledipele ba baagi, Mphayas Mpheng are jaaka baagi ga ba amogele setlankana se se tlisitsweng ke Makhanda, ebile se Kgoahla a tshwanetse go se dirang ke go gata kosene a ba tswele ka motse.
“Ga ra itumelela setlakana se re se neetsweng sa thuno ya matlole a sekolo. Jaanong, re le baagi re dumalane fela ka bongwe jwa pelo gore, mogokgo a se tlhole a le baya kwa sekolong. Mme le baeteledipele ba lefapha, ba neseditse pula tshwetso eno ya rona.
“Ba tla bona gore ba re tlisetsa jang mogokgo o motsha mo sekolong, gonne Kgoahla ga re sa tlhola re mo batla mo sekolong sa rona.”
