
Setshwantsho: Tsela e e sa tsamaegeng ya kwa motseng wa Tlapeng
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba motse wa Tlapeng gaufi le Taung, ba ikuela go Lefapha la Dithuto Tsa Setshaba le Ditsela mo Bokone Bophirima go ka ba direla tsela e e siameng. Baagi bano, ba kaile fa ele sebaka jaanong ba ntse ba ikuela go lefapha go ka tsaya dingongorego tsa bone tsia.
Seno se tla morago ga gore, bakgweetsi ba tlhalose fa tsela e e kopanyang Tlapeng 1 le Tlapeng 2, e relela. Mongwe wa bakgwetsi kwa motseng o, Nicky Moamogwa are, ba kopane le matsapa mo letsatsing la maabane mo mosong.
“Wa itse tsela e, ya relela morago ga dipula. Jaanong, rene ke kopa thuso go tswa kwa lefapheng la ditsela go ka tsereganya. Baagi kgale ba ntse ba bontsha go sa itumela mabapi le tsela e, gonne ke lobaka re ikuela gore re direlwe tsela e e siameng.
“Mo mosong wa maabane, go batlile go diragala kotsi e maswe fa sejanaga se se pegang bana ba sekolo sene se relela le go batla go tlhola kotsi. Ga re gane tsela e, e ntse ele maswe mme e tsamaega. Ga re itse gore ba lefapha ba e tshetse eng, gonne ga jaana ke seretse fela mo go yone,” Moamogwa wa tlhalosa.
O kaile fa tsela e, ele yone fela e ba ka e dirisang mo motseng wa bone, gonne go sena ditsela. Moamogwa are, ba kopile tsireganyo go tswa kwa go molekgotlha wa bone, mme o ba tlhaloseditse fa a tla kopa motsamaisi wa Lefapha la Ditsela kwa sedikeng go tla go lekola tsela e.
Kgabagare, morulaganyi wa tsa tlhaeletsano wa palamenteng kwa Lefapheng la Ditsela (Parliamentary Liaison Officer), Moreotsile Olifant, o kaile fa mokhuduthamaga wa Lefapha La Ditsela, Oageng Molapisi a tlile go etela metse e tshwana le Modimong, Manthe ga mmogo le Matsheng mono Taung go ka tla go buisana ka ditsela, fela tsela ya Tlapeng yone ga e yo mo lenaneng la dipuisano tseo.
“Kennete gore mokhuduthamaga o tla be a le ko Taung, mme fela tsela ya Tlapeng ga eo mo lenaneng la gagwe. Dipuisano mabapi le tsela eo, di tshwanetse gore di nne ma gareng ga lefapha la ditsela kwa sedikeng, masepala ga mmogo molekgotlha.
“Fela, ke tlhaloganya gore molekgotlha o buisane le ba lefapha kwa sedikeng, mme re solofela fa ba tsibogela dingongorego tseo. Re tlhaloganya gore, ba lefapha kwa sedikeng, ke bone ba ba neng ba gogorupa tsela eo,” Olifant wa tlhalosa.