
Setshwantsho: Dikgomo tse tse di dirisitsweng jaaka pontsho fela/Generic
Ka OBAKENG MAJE
Monna wa ko kgaolong ya Tlola O Nyele kwa motseng wa Khibitswane gaufi le Taung ga mmogo le mosadi wa gagwe ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la kamoso. Seno se tla morago ga gore batshwarwe ka dikgomo di le pedi tse go belaelwang ele tsa bogodu.
Go ya ka motswedi wa dikgang, monna o itsegeng, ebile a na le setlhopha sa legae sa kgwele ya dinao, o tshwerwe mo letsatsing la gompieno.