Baagi ba rotloediwa go ikela tlhoko morago ga go bolaiwa ga nkwe!  


Setshwantsho: Nkwe e bolailwe kwa motseng wa Losasaneng/Facebook

Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba kwa motseng wa Losasaneng le metse e mabapi ba rotloediwa go ka ikela tlhoko mo metsamaong ya bone. Sone se tla morago ga gore, go bolawe phologolo e tlhaga kwa nageng go sale gale. Go ya ka moanamisi wa mafoko mo mafaratlhatlheng a boitapoloso, Keotshepile Segosapelo, nkwe e e ne e shenne meno, ebile e tuka malakabe, e bolailwe kwa sekgweng kwa morakeng kwa motseng wa Losasaneng.

“Baagi botlhe ba kwa karolong ya metse ya ga Mothibi, ke eo nkwe e e bolailwe kwa merakeng. Go kopiwa gore, batho ba itlhokomele thata, segolo thata jang borre ba ba disang, ga mmogo le ba ba tsomang. Ga go itsiwe gore a mme nkwe e, e ne ele nosi fela kgotsa go ka tswa gona le tse dingwe gape mo karolong eo ya sekgwa.

“Jaanong, re kopa batho ba metsana e mabapi jaaka, Gataote, Losasaneng, Madithamaga le Kgomotso ba simolole go nna kelo-tlhoko mo metsaneng ya bone. Goya ka tshedimosetso e re e neetsweng go tswa kwa moaging mongwe wa kwa Losasaneng, nkwe eo, kgonnwe go bolawa ke borre ba ba tswa kwa ba Basotho,” Segosapelo wa tlhalosa.

Kgabagare, ba lekwalo-dikgang la www.iol.co.za ba buisane le motsamaise wa Letsema kwa setheo se eseng sa puso sa International Fund Animal Welfare, Mark Hofberg yo o rotloetsang batho gore ba itshware jang fa ba kopana le diphologolo tse di tlhaga.

Hofberg are, ga se gantsi batho ba tlhaselwa ke diphologolo tse ditlhaga, mme fela fa seo se direga, diphologo tse ditlhaga di ka tlogela batswa-setlhabelo ka dikgobala tse di masisi.  

“Seno se direga ga ntsi fa batho ba ikgatholosa melao le melawana ya tshireletso mabapi le diphologolo tse ditlhaga. Diphologolo tse di ruilweng mo malapeng ke tsone gole ga ntsi di tlhaselang batho. Fela, bontsi jwa batho bo tlhaselwa ke dinoga fa re lebelela ditlhaselo tsa diphologolo tse di tlhaga.

“Ga se gantsi batho ba tlhaselwa ke diphologolo tse ditlhaga jaaka ditau, dinkwe, thutlwa ga mmogo le ditlou, fela ditlhaselo tseo di kotsi. Ka ga jalo, ke rotloetsa batho gore ba dule ba le malala-a-laotswe, mme ba ikele tlhoko ka di nako tsotlhe,” Hofberg wa tlhalosa.

Hofberg are, batho ba tshwanetse ba nne kelo-tlhoko ka metlha yotlhe, mme ba se kgotlha-kgotlhane le diphologolo tse ditlhaga. Are, fa batho ba tlhaselwa ke diphologolo tse ditlhaga, ba se sie mme ba leke go lebaganya matlho le phologolo eo, kgotsa fa ba tsamaya ba le bantsi, ba itire setlhotshwana.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.