
Setshwantsho: Kgosi kgolo ya Batlhaping Baga Phuduhutswana, Kgosi Tshepo Mankuroane
Ka OBAKENG MAJE
Magosi a farologaneng mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi ba re ba itumeletse kopano ya kgothe-kgothe e ba nnileng le yone le tonakgolo ya Bokone Bophirima. Kgosi kgolo ya Batlhaping Baga Phuduhutswana, Kgosi Tshepo Mankuroane are, ba tlhagisitse dintlha phisegelo tsa bone go Maape, mme ba solofela fa a ka di sekegela tsebe.
“Ke lebogetse kopano ya gompieno ma gareng ga magosi le tonakgolo. Mme kgang kgolo ene ele go matlafatsa bogosi le go tla ka toga-maano ya go tlisa ditlhabogo mo metseng ya rona. Mo go matlafatseng bogosi, re dumalane gore ko di kgotlheng tsa rona, go tshwanetse gore re thusiwe ka go okeditswa badiri.
“Kgang engwe ke gore, magosi a iseng a agelwe dikantoro, ba direlwe jalo ga mmogo le go netefatsa gore gona le ditlabakelo tse di tlhokagalang. Seo, se tla dira gore thebolo ya di tirelo e tokafale. Se sengwe se eleng tlhoba-boroko, ke go sa dire ga basha ba rona,” Mankuroane wa tlhalosa.
Go ya ka Mankuroane, ba dumalane jaaka magosi bulele ditlhabologo kwa metseng ya bone. Mankuroane are, seo se tla diragala fela fa b aka letlelela baetletsi kwa metseng ya bone.
“Gape, re ikuela gore tirisano-mmogo ma gareng ga dimasepala le segosi e tokafadiwe. Go mabaka ale mantsi a tsweletseng go ama baagi jaaka tlhokego ya metsi le motlakase. Jaanong, re dulamane le tonakgolo gore dintlha tseo tsotlhe tse re di tlhagisitseng, di tla sekegelwa tsebe,” Makuroane wa tlhalosa.
Mo go jelengwe, majoro khuduthamaga wa masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motsokae Sense Maje are, kopano ya bone le magosi e tsamaile sentle.
“Ke nnete re ne re kopane le tonakgolo ga mmogo le magosi a rona mo sedikeng sa rona sa Dr Ruth Segomotsi Mompati. Go ya ka nna, kopano e, e tsamile sentle gonne, rene re refosana maitemogelo le dintlha-phisegelo tsa tshitlhamolelo ya ditirelo go ya kwa baaging.
“O tla gopola gore, magosi are rona ke baeteledipele ba ba gaufi thata le morafe wa rona. Jaanong, o tla ela tlhoko gore ntlha eo e ntse ele tlhoba boroko ke thebolo ya ditirelo e e bokoa. Se magosi a rona a se tlhagisitseng ke gore, gona le tokafalo ya kgokagano ma gareng ga bone le balekgotlha ba ba farologaneng kwa dikgrwaneng tsa rona jaaka ele barongwa pusong,” Maje wa tlhalosa.
Maje are le fa go sentse go na le mekhino e e tshwanetsweng ke go ka tswadiwa, ba itlamile jaaka keteledipele ya puso gore ba tla leka ka natla go matlafatsa kgolagano eo. Are, se se itumedisang ke gore, gona le fa ba tlileng go simololang teng gonne ba setse ba adile motheo.
Kgabagare, Maape are kgothakgothe ya bone e nnile le maungo a namatshang. Are ba buile ka ditlha tse dintsi tse di tsweletseng go ama baagi, mme ba tlile go dira ka natal go ka tla ka maano a go di baakanya.