
Setshwantsho: Sekolo se segolwane sa Batlhaping
Ka OBAKENG MAJE
Go letse go tsogile ntwa e matlho mahibidu kwa sekolong se se golwane sa Batlhaping ma gareng ga moithuti le morutabana. Go ya ka bo maratahelele, ba kaile fa moithuti one a tshwarana ka diatla le morutabana, mme a tlogela morutabana o a phokgaphokga madi.
Le fa go ne go sa itswiwe gore sebaka sa ntwa ene ele eng, mongwe wa baithuti o o bone tiragalo e ka matlho, mme a sa battle go itsiwe are: “Go letse go senyegile mo letsatsing la maabane kwa sekolong. Ebile, rona jaaka re ele baithuti, re bona re sa sireletsega. Bangwe ba baithuti, ba letse ba tsene kwa go apewang teng, mme ba ja dijo tsa sekolo.
“Fa re sentse re shebeletse, morutabana le moithuti ba tshwarana ka diatla. Ga re itse gore go diragalang mo sekolong sa rona, mme re kopa ba lefapha la thuto batle go tsereganya. Boitaolo jo re bo bonang moo, bo ama dithuto tsa rona.”
Kgabagare, sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Elias Malindi o kaile fa lefapha le itse ka kgang eo, mme ba tlile go romela setlhopha sa bone go ka dira dipatlisiso.