
Setshwantsho: Morutabana Mapula Masemola/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
Moithuti yo o dirang Gerata (Grade) 11kwa sekolong se se golwane sa Batlhaping are, o na le dikgwedi dile tharo a tshelela mo dipuo tse di maswe. Go ya ka Ompolokile Sehemo (20), o tsweletse go bogisiwa ke morutabana, Rachel Masemola.
Sehemo, o latofatsa Masemola ka go mo kgoba ka dipuo tsa gore ke motsofe gape ke setlatla, ebile thaka tsa gagwe di kwa unibesiti. Are, mo beke e fetileng, o ile a itemogela matsadi mo sehubeng sa gagwe morago ga dipuo tsa ga Masemola.
“Jaaka ke bua le wena jaana, ke tswa mo bokelong morago ga go itemogelang matsadi mo sehubeng. Masemola o tlhola a nkemeletse a mpolelela gore ke motsofe, ebile thaka tsaka di kwa unibesiti. O mphetotse setshegisa mo pele ga baithuti ba bangwe.
“Kene ka go mo tlaleya kwa keteledipele ya lefapha kwa sedikeng. Fela, o ile a itatola gore a be a nne mosetlha. One a kaya fa ene a ne a bua le nna ka lerato, ebile a batla gore ke nne ngwana o siame. Are, ke tlogelwe go dirisiwa, ebile one a buelela mo bokamosong jwame,” Sehemo wa tlhalosa.
Sehemo, are, seo sene sa mo utlwisa botlhoko tota gonne, Masemola o ile a mo fetola motho o maaka mo pele ga keteledipele ya lefapha. Are, ga itse gore mafoko a Masemola a mo a reileng a ene o a bona a siame.
“Mo godimo ga moo, gona le dilo dingwe tse ke di patelediwang gore ke di dirile ke morutabana o mongwe. Le ga jaana, ga ke itse gore ke dire eng go ka bone tshiamiso. Ga nkitla ke kgona go tshelela mo pogong, mme seo se dirwa ke morutabana,” Sehemo wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Elias Malindi are: “Lefapha le ile la longwa tsebe ka tiragalo eno, mme re tlile go romela kemedi ya lefapha kwa sekolong ka Laboraro go tsweletsa dipatlisiso. Re le lefapha, re kgala thata tiriso ya mafoko a maswe kgatlhanong le baithuti.
“Keteledipele e tlile go tsweletsa dipatlisiso mo morerong o, mme batla neela moithuti o o amegileng thobo ya maikutlo. Dikgato tse di maleba ditla tseo kgatlhanong le morutabana morago ga dipatlisiso fa di tla supa gore o molato.”






