
Setshwantsho: Bangwe ba baagi ba kopa gore mokgogo a ba tswele ka motse
Ka OBAKENG MAJE
Baagi bangwe kwa motseng wa Manokwane ba ikuela gore mokgogo wa sekolo se se potlana sa Baisitse, Lesetjha Solly Kgoahla a gate kosene. Seo, se tla morago ga gore, batsadi kwa sekolong seo, ba laelwe go ntsha madi a kanang ka R150 go thusa sekolo go ka duela madi a saletseng kwa morago a sekoloto sa motlakase.
Go ya ka dipego, sekolo se kolota setlamo sa Eskom amusausa a dirata a balelwang go R80 972. Go ya ka mongwe wa baagi, Eddie Mogorwe, baagi ba lobaka ka ikuela gore Kgoahla a ntshiwe kwa sekolong, gonne a dirisa madi a sekolo botlhatswa.
“Kgale tota morafe o ikuela gore rre o, a kgotlhisiwe setlhako. Morafe one wa tsena kopano, mme ntlha kgolo ene ele go dira jalo petition. Ba ile ka kopa kopano ya tshoganyetso morago ga kopano ya baagi le go dumalana fela ka bongwe jwa pelo gore Kgoahla a tsamaye.
“Mo petition e ba e dirileng, ba ne ba kopa kopano le lefapha la thuto ga mmogo le molekgotlha wa kgorowana ya bone. Ba ne ba batlile segopa sotlhe se fletse. Mo kopanong, go dumalanwe ka gore mokgogo wa sekolo are tswele ka motse,” Mogorwe wa tlhalosa.
Mogorwe o kaile fa morafe o dumalane gore, fa lefapha le sa ntshe mokgogo wa sekolong, bone batla mo latela kwa sekolong, mme ba mo ntshe ka dikgoka. Are, go bontsha fa mokgogo a sa tsamaise sekolo sentle, mme ga ba batle maitshwarelo mo go ene gonne se se botokwa ke fa lefapha le ka tlisa mokgogo o mongwe.
Fela, go ya ka Kgoahla, mathata a simologile fa bokoso ya sekolo ya motlakase ene ya sha (meter box) ka 2021. Kgoahla are, mono ngwaga, Eskom ene ya ba romelela setlankana se se supang fa sekolo se kololoto setheo seo, madi a kanang ka R75 000, mme go fitlha ga jaana a tlhatlhogetse go R80 972.
“Eskom e re tlhaloseditse fa sekolo sentse se sa duele madi a sene se tshwanetse go a duela. Fela, phoso eo, e dirilwe ke Eskom gonne sekolo sentse se duela madi are dumalaneng ka one kgwedi le kgwedi. Go ya ka Eskom, dikolo di tshwanetse go duela jaaka di feme.
“Re lekile go ka buisana le Eskom, mme ba ne ba re laela fa bone ba shebile mokgwa wa tiriso ya motlakase kwa sekolong. Jaanong, mo kopanong e rene re e tsenetse le batsadi, go dumalanwe gore, ngwana mongwe le mongwe o tla ntsha madi a kanang ka R150,” Kgoahla wa tlhalosa.
Kgoahla are, fela gona le bangwe ba baagi ba ba tsamayang ba tlhotlheletsa baagi ka go bua maaka bare, gona le tsamiso e botlhatswa ya madi kwa sekolong, ke ka moo go sa patelwang Eskom. Go ya ka Kgoahla, ga bana metshini e e dirisang motlakase o montsi kwa sekolong, ntle le pompo ya metsi, setsidifatsi, motshini o tlhagisang dipampiri (photocopy machine) ga mmogo le sethutafatsi (heater).
“Kgale Eskom e goga madi a kanang ka R4000 mo letloleng la sekolo kgwedi le kgwedi go ka duela motlakase. Jaanong, re maketse gore go baneng fa ba ne ba lemoga gore sekolo se patela madi a kwa tlase, ba sa re itsise gore madi a tlhatlhogile.
Modulasetulo wa mokgatlo wa tsamaiso ya sekolo (School Governing Body), Moikanyi Reetseng are: “Re ile ra bitsa kopano go tla go tlhaosetsa batsadi ka kgang ya Eskom. Mme mo kopanong eo, re ile ra dumalana gore ngwana mongwe le mongwe a ntshe R150, mme re ile ra makala fa bagwe ba baagi ba re latofatsa ka go ruga madi a sekolo.”