Mokwadi wa dibuka o rotloetsa basha go buisa


Setshwantsho: Mokwadi wa dibuka, Kgotlhaetsile Mokabeng

Ka REGINALD KANYANE

Mokwadi wa dibuka, Kgotlaetsile Mokabeng o rotloetsa bontsi jwa batho, segolo bogolo thata basha go ka buisa. Mokabeng (35), yo eleng morebuludi-mmogo wa Taung Imatlafatse Book Club, kaile fa a itemogetse fa bontsi jwa basha ba sa tlhole ba buisa dibuka, mme seo se tswelela go ama ka mokgwa o ba kwalang ka teng.

“Bontsi jwa basha ba dirisa nako e ntsi ya bone mo mafaratlhatlheng a boitapoloso jaaka Facebook, Instagram, Twitter ga mmogo le tse dingwe. Fela, ke itemogetse fa ba dirisa mafaratlhatlha ao botlhatswa. Jaanong, ke tlhola ke etse tlhoko ka mokgwa o ba kwalang ka teng, mme ke ile ka utlwa botlhoko thata go gaisa.  

“Ka mokgwa o ba kwalang ka teng, go bontsha fa ba beile thata mo metlaeng, mme fa bangwe ba bone ba ka tsaya bokwadi tsia, e ka nna bakwadi ba mmakgonte. Jaaka bakwadi, re batla go bona puo ya rona ya Setswana e gola, mme e feleletse e itsiwe lefatshe ka bophara,” Mokabeng wa tlhalosa.        

Are, o tshimolotse go nna mokwadi ka ngwaga wa 2006 fa a ne a tlhagisa buka ya kgankgutswe e e bidiwang, Botshelo Jo. Go ya ka Mokabeng, o ile a ntsha gape buka ya bobedi e e bidiwang Bana Ba Mpa ka 2019.

“Lerato laka la bokwadi le rotloeditswe ke mokwadi wa buka ya Maru, Bessie Head. Go bo tlhokwa jaaka mokwadi go ka buisa dibuka tsa bakwadi ba bagwe, gonne o tla ithuta gore bakwadi ba bangwe ba kwala jang.

“Kana fa o ka lebelela, buka ya Maru e bua ka Batswana bagaetsho ga mmogo le morafe wa Masarwa go tswa kwa nageng ya boagisani ya Botswana. Ke itumeletse ka mokgwa o mokwadi wa bua eo, a e tlhagisitseng ka teng,” Mokabeng wa tlhalosa.

Go ya Mokabeng, mokwadi wa buka ya Maru, o nere mmuisi mo lefelong la tiragalo. Mokabeng are ke ka moo a reng mokwadi o e kwadile ka bokgabane le matsetseleko.

Mokabeng, yo ga jaana a tsweletsang dithuto tsa gagwe kwa unibesiting ya UNISA, koo a ithutelang dithutego tsa Archives and Records Management, are konoseditse dithuto tsa gagwe tsa marematlou kwa sekolong se segolwane sa Kgosietsile Lethola.

Mokabeng are, ene ya re morago ga marematlou, one a leba kwa kholejeng ya ikatiso ya Vuselela kwa Pudimoe ko a neng a ithutela tsa kgwebo teng.

“Fela, ga ke aka ka kgona go konosetsa dithuto tsame teng. Jaaka morebuludi-mmogo wa Taung Imatlafatse Book Club, rena le dingwaga di le tharo re ntse re tsweletse ka go rulaganya di kopano tse di farologaneng le go rotloetsa bana go ka buisa.

“Re kopana gangwe mo kotareng, mme seo se re thusa thata. Gape mo dikopanong tseo, re mema moitsanape wa bokwadi mo dibukeng tsa bana go tla go ba buisetsa le go ba tlhaba matlhale mo go kwaleng. Kana dikgang di monate ditla ka mong wa tsone, jaanong re rotloetsa thata bana go ka kwala,” Mokabeng wa tlhalosa.

Jaanong, ga jaana, Mokabeng o mekamekane le diporojeke tse di farologaneng mo di porofenseng dile pedi eleng ya Bokone Bophirima ga mmogo le Kapa Bokone. Are, se se botlhokwa ha o le motho ke go ka dira ka natla gore o bone maungo a namatshang.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.