Motshameki wa maloba wa Mighty Boys FC a bonwa molato wa petelelo


Setshwantsho: Motshameki wa maloba wa Mighty Boys FC, Bakang Katong/Facebook    

Ka OBAKENG MAJE

Motshameka-pele wa maloba o diphatsa wa setlhopa sa kgwele ya dinao sa Mighty Boys FC kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung o bonwe molato wa petelelo ke kgotlha-tshekelo ya sedika ya Taung mo letsatsing la maabane. 

Bakang “Mahomed” Katong (32) yo jaanong eleng rakgwebo mme gape a belaelwa ka go rekisa seritibatsi sa nyaope, one a betelela lekgarebe lengwe la kwa Buxton ka ngwaga wa 2017.

Go begwa fa Katong, yo one a tswa Johannesburg ka nako eo, a ne a neelwa lekgarebe le ke mongwe wa tekesi kwa Schweizer Reneke gore a mo gorotshe ka pabalasego kwa lapeng. Fela, go kaiwa fa Katong a ne a tsena-tsena ka lekgarebe leo, mme a feleletsa a ipagologetse mogodu mo go ene ka dikgoka.

Go kaiwa fa lekgarebe le, lene la kaya fa le nyeleletswe ke madi a kanang ka R2000 mo tiragalong eo. Kgotlha-tshekele e utlwile fa lekgarebe le, lene la fitlha la lotlegela mmagwe ka se se mo diragaletseng. Kgetsi ene ya bulwa, mme ene ya re Katong go utlwa seo, one a letsetsa lekgarebe le, le go kopana le lone kwa Taung Mall mo letsatsing le le latelang.

Katong one a fitlha a o kopa go mo neela madi a kanang ka R2000 a go begwang a nyeletse le go mo neela R500 ele pipamolomo gore a ye go tsholola kgetsi ya petelelo kgatlhanong le ene.

Fela lekgarebe le, le ne la gana go tsaya madi ao. Kgotlhatshekelo e utlwile fa mmagwe lekgarebe le yo ene ele paki ya mmuso, a ne a tlhokafala fa kgetsi e sentse e tsweletse ka tsheko. Mmueledi wa ga Katong, one a tlhalosetsa lekgotlha fa bopaki jwa motlhekefadiwa bo sa ikanyege, gonne gona le phapang mo tshedimosetsong e a e neetseng sepodisi le e a e boleletseng kgotlha-tshekelo.

Fela magistrate Buti Zulu, ga ka a ganana le kgang eo, mme a tlhalosa fa ese pateletso gore bopaki jo bo neetsweng sepodisi bo ka botsolotswa, fela se se botlhokwa ke se motlhekefadiwa a se boleletseng kgotlha-tshekelo. Gape, se se ileng sa makatsa lekgotlha ke gore, Katong o ile a kaela beng ba mokgatlho wa ditekesi fa a iphantse ka thobalano le motlhefediwa, mme fela o ile a kaya fa seo se diragetse ka tumalano.

Fela Katong, one a kaela mmueledi wa gagwe fa a sa iphanya ka thobalano le motlhekefadiwa. Seo, sene sa baya Katong mo mosing, mme le kgotlha la mo bona jaaka motho o o sa ikanyegeng. Zulu one a tlhalosetsa Katong fa go sena sepe se se supang fa motlhekefadiwa a ka batla go mo bopela kgomo ya mmopa, gonne ba sa itsane.

Zulu, one a bona Katong molato mme a mo kaela fa ka di 6 Seetebosigo 2023 a tlile go ntsha katlholo.

Lekgotlha lene la kaela Katong fa e se sa ntlha a thulana le molao, gonne ka ngwaga wa 2006 one a tshwarwa mme a bonwa molato mo kgetsing ya go itaya ka maikaelelo a go ntsha dikgobalo tse di masisi. Gape, go begwa fa ka 2013 le 2015, Katong a ene a tshwarelwa go gweba ka diritibatsi mme a duela kotlhao mo dikgetsing tse dile pedi.

Kgabagare, Katong gape o lebane le kgetse ya polao e e diragetseng teng kwa motseng wa Manthe.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.