SACMIC e bolotsa ntwa kgatlhanong le tshotlakako ya bong


Ka OBAKENG MAJE

Tshotlakako ya bong e tsweletse go nna tlhoba-boroko mo setshabeng. Seno, se rotloeditse ba South African Christian Ministers Council (SACMIC) go ka tla ka toga-maano ya go ka lwa kgatlhanong le sera se. Modulasetilo wa SACMIC, Bishop Daniel Matebesi are, ba ne ba rulagatse tirelo ya thapelo kwa kerekeng ya UCCSA kwa motse-setoropong wa Huhudi gaudi le Vryburg.

“Re ne re rulagantse tirelo ya thapelo kgatlhanong le tshotlakako ya bong. Mme maitlhomo le maikaelelo a thapelo e, ene ele go rapedisa ditshotlakako tse di kana-kana that jang kgatlhanong le basadi le bana. Mme re itumetse thata gonne moletlo o, o atlegile tota.

“Baeteledipele ba diphutego ga mmogo le malapa a farologaneng ba ne ba tlile ka makatla a namane. Molaetsa wa rona o mo khutsane ke gore, are tsweleleng pele ka ntwa kgatlhanong le tshotlakako ya basadi le bana, mme re godise naga ya rona ya Afrika Borwa e re e ratang thata,” Matebesi wa tlhalosa.

Mmosa-kgotlha kwa masepaleng wa selegae wa Naledi, Pico Kgolane are, jaaka masepala, ba bone go le botlhokwa go ema nokeng tirelo ya thapelo eno. Kgolane o kaile fa ele nnete, tshotlakako ya bong e le teng, mme e tsweletse go ka ama thata bomme ga mmogo le bana.

“Jaanong, e nna ekare rona barongwa pusong ga re bue sepe. Fela, re tshwanetse go kgala ditiragalo tse re sa kgale mathe ganong. Jaanong, ke leboga thata ba tsaya karolo botlhe. Mafoko a lekgotlha a mantle otlhe.

“Tshotlakako ya bong ke tlhoba-boroko mo setshabeng. Ke ikuela thata mo go bomme gore, e sere ba fetsa go bua di kgetsi kwa sepodiseng, ba boe gape e nne bone ba ba yang go di tsholola,” Kgolane wa tlhalosa.

O kaile fa seo ele poelo-morago. Kgolane gape o ikuetse mo sepodiseng sa Afrika Borwa go se dule ka di kgetsing tsa mothale o, mme ba sa di ise kgotlha-tshekelo.

“Gape, re ikuela go baeteledipele ba ba farologaneng go ka dira mmogo. Gopola, mathata a otlhe a diragalang mo setshabeng, a lebagane le rona jaaka baeteledipele. Ke rotloetsa thata bomme gore ha ba leba kwa ntlung ya thapelo, ba tseye le bana ba bone gore ba ke ba ithute go rapela.

“Mme botlhale jo ke tla bo naya borre that jang ba ba nyetseng kebo. Ha o bona gore go na le go sa utlwane magareng ga gago le mme ko ntlung, tswa o tsamaye. Ekare ha o boa, o mo fitlhe a siame, mme le baakanye bothata joo,” Kgolane wa tlhalosa.

Mme Kgolane o akgotse thata baithaupi ba ba dirang jaaka Community Policing Forums (CPFs). Are ba dira tiro e e tswileng diatla le go thusa mo tswantshong ya tshotlakako ya bong. 

Chaplain Thato Cwaile go tswa kwa sepodiseng sa Afrika Borwa are, “Ke mo tlotlo thata gore ke be ke le karolo ya tiragalo e. Re lebagane le sera se se sa batleng go re neela tshono ya go tshela. Jaaka setheo, re dira thata le bana, mme re fitlhetse fa gona le bana bangwe ba le bone ba tsayang karolo mo ditshotlakakong tse.

“Fela, reile ra ba lemotsha fa seo sele phoso. Se se botlhokwa ke go tlhaloganya tshotlakako ke eng. Ga e se gore tshotlakako ke fela ha monna a sotlakaka motho wa mme. Re na le ditshotlakako tse di farologaneng, jaaka tshotlakako ya maikutlo, kgotsa batho ba bomme ba lwa ka bo bone.”

Cwaile are gape se sengwe se se etlegetsang tshotlakako ke tiriso ya diritibatsi. Go ya ka Cwaile, ban aba le bantsi ba ba dirisang diritibatsi, ke basimane, mme seo se tlholwa ke gore ba gola ba se mo tlhokomelong y abo rrabone.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.