
Ka BAKANG MOKOTO
Baagi ba ba farologaneng go ralala Taung, ba ikuela go Lefapha la Puso Selegae le Mantlo go ka netefatsa fa mantlo a di RDP a puwagantsweng fela a konosediwa. Seno se tla morago ga gore, bo rakonteraka ba ba neng ba thapilwe go ka aga matlo ao, ba a tlogele a sa fela.
Bontsi jwa matlo ao, a bonwa kwa metseng e farologaneng jaaka Lokgabeng, Mokassa le Extension 6. Jaanong, mokhuduthamaga wa lefapha leno, Nono Maloyi, o kaile fa ba tlile go samagana le bo rakonteraka bao.
Go ya ka Maloyi, ba setse ba ntshitse bo rakonteraka ba ka nna 15 mo lenaneng la bone. Jaanong Maloyi are, bontsi bo sentse botlile go bona se ntswa e se robalelang ko ntle.
“Re setse re bone tshedimosetso ya bo rakonteraka bao fa rene re tsenetse kopano ka Sontaga. Go ntsha bo rakonteraka bao ba ba tlogetseng matlo a sa fela, ke tshwetso e ene ya tsewa ke tonakgolo ya Bokone Bophirima, Bushy Maape ha a ne a buisana le baagi mo kgweding e e fetileng ka se se itsagaleng botokwa ka State of the Province Address (SOPA).
“Gape, tlhogo ya Lefapha leno, Kgomotso Matlhobo, one a bolotsa dipatlisiso morago ga gore bo rakonteraka bangwe ba tlhagise matshwenyego mabapi le dituelo tsa bone tse di tlang thari. Matlhobo o kaile fa go tla nkga go sa bola fa a ka fitlhela gore gonnile le tsamaiso e tshokameng mo lefapheng,” Maloyi wa tlhalosa.
Maloyi are, go ya ka molao, baneela ditirelo ba tshwanetse go ka duelwa mo matsatsing ale 30. O kaile gape fa go tlhoka go dirisa matlole kwa dimasepaleng ele tlhoba-boroko, mme o tlile go ka leka ka natla fa baagi ba bona thebolo ya ditirelo.
“Go utlwisa botlhoko go bona baagi ba sokola ka go bona ditirelo, e tswa madi ale gone. Rele lefapha, re batla go bona baagi ba nna le ditsela tse di siameng, mme ba bona metsi ga mmogo le motlakase ka nako. Masepala mongwe le mongwe o tshwanetse go ka dirisa matlole a a rebolelwang, mme go sa nneng jalo, tshega e ka fapoga mo e dulang teng.
“Gona le diporejeke tse ha e sale di tshimolotswe ka 2006, mme le go fitlha ga jaana ga se di konosediwe. Jaanong, re ikuela go baeteledipele go ka baya dikgatlhego tsa baagi kwa pele,” Maloyi wa tlhalosa.
Kgabagare, modula-setilo wa mokgatlho o emelang baagi wa Re Aga Taung Civic Oganisation, Disco Lebitse are: “Nna ke tla re ke dipitse ke di bona ka mebala, gonne re le baagi re latlhegetswe ke tshepo mo pusong e ya rona e.
“Rena le dingwaga di le 30 re ntse re tshepisiwa, mme go sa tle gore go diragale. Matlo a mantsi thata a tlogetsweng fela, mme seo se oketsa bosenyi gonne, dikgongwana tse tsa bosenyi di ikabela matlo ao ntle le molao,” Lebitse wa tlhalosa.



