Balatofadiwa ba le bane mo kgetsing ya polao ba ganelwa ka beile!


 

Ka REGINALD KANYANE

Kgotlha-tshekelo ya Taung e tlhotse e ganetse ka beile kgatlanong le banna ba le bane ba ba latofadiwang ka polao ba kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung. Jaanong, motshameki wa maloba o diphatsa wa setlhopa sa kgwele ya dinao sa Mighty Boys FC, Bakang “Mahomed” Katong (31), yo ga jaana eleng rakgwebo, mme gape go begwang fa a rekisa seritibatsi sa nyaope, Thabang Lenyai (23), Katlego Mosimege (31) le Phenyo Katong (34) ba tla nama ba letile ko ntlo-lefitshwana go fitlhela ba boela gape kwa kgotlha-tshekelo ka 15 Ferikgong 2023.

Kgetsi ya banna ba, gape e shutiseditswe kwa kgotlha-tshekelo ya kgaolo. Balatofadiwa bano, ba ne ba tsenya kopo ya beile e e potlakileng. Ene ya re ka kgwedi ya Moranang 2022, balatofadiwa ba, go kaiwa fa ba ile ba bolaya setlhogo Thabiso Mothibedi (35).

Go ya ka dipego, Mothibedi yo go kaiwang fa a ne a goga seritibatsi sa nyaope, a ne a tsena kwa ntlung ya ga Katong, mme a utswa matsebetsebe a diratnta tse di balelwang go R20 000 ga mmogo le motsoko wa boleng jwa R600.

Go begwa fa morago ga tiragalo eno, Mothibedi ane a le botsa phokoje le go leba kwa motseng wa Longaneng.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Capt Sam Tselanyane, o bega fa segongwana seno sa banna ba ba neng ba tshakgetse, ba ne ba tswa letsholo le go batlana le Mothibedi. Go kaiwa fa ba ne ba mo fitlhela ale ko ga mothakga kwa motseng wa Longaneng.

“Dipatlisiso tsa sepodisi di supa fa segongwana seno sa banna, sene sa thopa Mothibedi ka dikgoka, mme ba leba le ene kwa motseng wa Manthe. Go begwa fa bane ba fitlha ba mo gokelela mo genereiteng, mme ba mo digela dingalo go utlwala.

“Dipatlisiso tsa sepodisi di supa fa banna ba, ba ne ba mo itlhaganedisa kwa kliniking ya selegae morago ga go lemoga fa a neela mowa. Go begwa fa Mothibedi a ne a netefadiwa fa tlhokofetse kwa kliniking. Balatofadiwa ba ne ba tshwarwa le go latofadiwa ka polao,” Tselanyane wa bega.

Tiragalo e, e ne ya tshakgatsa baagi ba motse wa Manthe. Ene ya re ka di 1 Motsheganong 2022, baagi ba ne ba tswa letsholo le go fisa dintlo dile tharo tsa balatofadiwa ga mmogo le go ja sejanaga sa bone sa mabaibai ka molelo.

Banna ba, ba ne ba tswelela go ka shadikanya matlho fa pele ga kgotlha-tshekelo makgetlho a le mmalwa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.