Dikantoro tsa segosi kwa Sekhing ditswetswe ke baagi   


Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba motse wa Sekhing ga mmogo le metsana e e mabapi, ba re ba na le dibeke di ka nna tharo dikantoro tsa segosi sa Batlhaping Baga-Mothibi di tswetswe. Go kaiwa fa go tswalwa ga dikantoro tseno, go bakilwe ke tlhatlharuwane e ileng ya tsoga magareng ga baagi ba motse wa Sekhing le Seoding.

Go ya ka dipego, baagi ba Sekhing, ba latofatsa baagi ba Seoding ka go aga mo lefatsheng la bone. Jaanong seno, sene sa tlhotlheletsa baagi ba Sekhing go ka tswala dikantoro tsa morafe.

Jaanong mongwe wa baeteledipele ba baagi, Mpho Gift Motaung are, go tswlwa ga dikantoro tseno, go amile matshelo a bone gonne ga ba kgone le go fitlhelela ditirelo.

“Jaaka re le baagi, re ne re kopa thuso mabapi le go tswlwa ga dikantoro tsa morafe mo motseng wa Sekhing. Dikantoro tse, di dirisiwa ke metsana e ka nna 14, mme ga re kgone le go fitlhelela ditlankana tsa go netefatsa bonno jwa motho (Proof of Resident).

“Jaanong re ikuela go puso ya rona go ka nere tharabololo. Le fa re re re leba kwa dikantorong tse dingwe tse di mabapi jaaka kwa motseng wa Itireleng, re fitlhela go sena dipampiri tseo,” Motaung wa tlhalosa.

Kgabagare, Kgosi Batlhaping Baga-Mothibi, Ponatshego Mothibi o kaile fa le ene a sa itse gore ke eng se se tlhotlheleditseng baagi go tswalwa dikantoro tseno.

taungdailynews@gmail.com

Modiri wa masepala o latofadiwang ka go pega ditlhogwana are o dirile seo, go thusa bapalami!



 

Ka OBAKENG MAJE

Modiri wa masepala o mogolwane wa Taung yo o latofatswang ka go pega bapalami ba ba itsagaleng jaaka ‘ditlhogwana’ kwa motseng wa Molelema ka Mosopulogo, Onkabetse Daniel Mokakale, are o dirile seo, gonne basimanyana ba babedi ba ne ba gaeletswe.

Go begwa fa Mokakale, yo o ne a kgweetsa sejanaga sa masepala, one a pega bapalami ba ba ne ba emetse tekesi mo sejanageng sa masepala. Go ya ka paki e e boneng tiragalo e, Pogisho Afrika, are Mokakale o ne a fitlhela bapalami bao ba ba neng ba emetse tekesi go ya Hartswater, mme a ba pega.

Afrika are, ene ya re go bona seo, o ne a kopa Mokakale go se dire jalo. Are, fela Mokakale o ne a mo itsise fa a sa tshabe sepe.

“Mokgweetsi wa sejanaga sa masepala o mogolwane wa Taung, o fitlhetse bangwe ba baagi ba emetse sepalangwa sa botlhe, mme a pega bangwe ba baagi bao ba ba ne ba leba kwa toropong ya Hartwater. 

“Re ne ra mo kopa gore a folose batho bao, gonne go se mo molaong go pega bapalami mo sejanageng sa masepala. Fela, one a fetola ka gore, ene ga tshabe sepe ebile ga gona ope o o tla mo bolelelang,” Afrika wa tlhalosa.

Jaanong Mokakale are le fa a tlhaloganya gore ga go mo molaong go dirisa sejanaga sa puso jaaka sa botlhe, are basimanyana bao ba mo  kaetse fa ba na le sebaka sa ura ba emetse tekesi, mme e sa goroge. Are, ene ya re mo go ba pegeng, Afrika one a mo tsaya ditshwantsho.

“Ene ele ka Mosupologo ka ura ya bobedi motshegare fa kene ke fitlhela rre Pogisho Afrika yo o dirang jaaka mathaothane mo ditekesing tsa Molelema. Mme ke mo fitlhetse a dirile basimanyana ba babedi batshwara-kananyo le go ba pateletsa gore ba emele ditekesi.

“Fela, basimanyana bao, ba ne ba tlhalosa fa ba na le ura ba eme, mme Afrika a ba bolelela gore go na le tekesi e e tlang. Ba kaile fa ba leba kwa toropong ya Kimberley, mme ba ile ba kopa thuso mo go nna ka go bona ke tshwere serori sa puso,” Mokakale wa tlhalosa.

Mokakale are, o ile a ba kopa gore ba palame, gonne ba kaile fa ba leba kwa Hartswater gore ba fitlhelele sepalangwa se se yang Kimberley. Mokakale are gone ga nna fela jalo, mme a ba laela fa a tla ba folosa kwa Hartswater.

“Ke gone foo, ha rre Afrika a ne a ntsaya ditshwantsho ga mmogo le serori sa masepala. Kene ka mo kaele gore a ka nna a ntsaya ditshwantsho, mme a di romele ko setheo sa bone sa ditekesi, masepala ga mmogo le ko porofeseng. Ke ile gape ka mo laela gore a ba bolelele gore, ke nnete ke pegi batho ba.

“Bo mathaothane ba rona ba tlhoka thupiso (workshop). Gongwe ha setheo sa rona sa ditekesi (Taung Taxi Association), se ka leka gore bonyenyane morago ga kgwedi di le tharo, se ba katisa gore ba dirisane jang le bapalami ga mmogo le bakgweetsi ba ba bangwe,” Mokakale wa tlhalosa.

Are, bo mathaothane ba, ga ba foo go ka thusa batho, mme go itsenyetsa madi mo kgetsing. Mokakale are koloi ya masepala ke ya morafe, mme ga kake a tlogela batho ba sokola.

“Ke a itse gore molao le molawana o teng o tlhalosang gore koloi e, ga e pege mme kene ke patelesega go thusa basimanyana bao. Jaaka ke bua le wena jaana, kene ke ile ko Molelema ka go tlisa tsireganyo kwa matlung a senyegile.

“Ha ele gore kgetsi e teng, rre Afrika a ka e tseela kwa kgotlha-tshekelo, gonne kene ke thusa morafe ka koloi ya puso,” Mokakale wa tlhalosa.

Sebueledi sa setheo sa ditekesi mo Taung (Taung Taxi Association), Tshidiso Letlhaku are: “Dikoloi tse di pegang batho, mme ese dipalangwa tsa botlhe di ama kgwebo tsa bo raditekesi. Jaanong, gwa makatsa gore gotwe sejanaga sa puso se ne se pega batho.”

Kgabagare, sebueledi sa masepala, Ricky Oliphant, o kaile fa go se mo molaong gore dijanaga tsa masepala di dirisiwe jaaka dipalangwa tsa botlhe. Oliphant are, koloi nngwe le nngwe ya masepala ena le setlankana se se supang metsamao yotlhe ya koloi (log book), mme batla tsweletsa ka dipatlisiso kgatlhanong le mokgweetsi oo, fa go na le bopaki. 

“Go ya ka molao wa masepala, molatofadiwa mo tirong e, a ka tseelwa dikgato le go tlhagelela fa pele ga komiti-kgalemo ya masepala fa go na le bopaki kgatlhanong le ene,” Oliphant wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com