‘Modiri wa masepala o latofadiwa ka go pega ditlhogwana’


Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba motse wa Molelema gaufi le Taung, ba re bane ba sala ba gamaregile morago ga go bonga mokgweetsi mongwe wa masepala a dirisa sejanaga sa masepala jaaka sepalangwa sa botlhe kgotsa go pega ditlhogwana ka puo e e tlwaelegileng.

Go begwa fa tiragalo e, e diragetse ka Mosupulogo mo mosong. Mongwe wa baagi ba ba boning ka matlho, Pogiso Afrika are, ba ne bae me fa mabenkeleng fa ba bona koloi ya masepala o mogolwane wa Taung e ema le go pega bapalami ba ba ne ba emetse takesi go leba kwa toropong ya Hartswater.

“Mokgweetsi wa sejanaga sa masepala o mogolwane wa Taung, o fitlhetse bangwe ba baagi ba emetse sepalangwa sa botlhe, mme a pega bangwe ba baagi bao ba ba ne ba leba kwa toropong ya Hartwater.  

“Re ne ra mo kopa gore a folose batho bao, gonne go se mo molaong go pega bapalami mo sejanageng sa masepala. Fela, one a fetola ka gore, ene ga tshabe sepe ebile ga gona ope o o tla mo bolelelang.”

Kgabagare, sebueledi sa masepala, Ricky Oliphant o kaile fa go se mo molaong gore dijanaga tsa masepala di dirisiwe jaaka dipalangwa tsa botlhe. Oliphant are, koloi nngwe le nngwe ya masepala ena le setlankana se se supang metsamao yotlhe ya koloi (log book), mme batla tsweletsa ka dipatlisiso kgatlhanong le Mokgweetsi oo, fa go na le bopaki.  

“Go ya ka molao wa masepala, molatofadiwa mo tirong e, a ka tseelwa dikgato le go tlhagelela fa pele ga komiti-kgalemo ya masepala fa go na le bopaki kgatlhanong le ene,” Oliphat wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.