Tirelo ya matshidiso morago ga go tlhokafala ga baithuti mo kotsing ya sejanaga!


 

Ka OBAKENG MAJE

Baithuti ba kwa sekolong se segolwane sa kwa motse-setoropong wa Pudimoe gaufi le Taung, bane ba tsenetse tirelo ya matshidiso kwa holong ya baagi moletsatsing la maabane. 

Seno, se tla morago ga go tlhokafala ga baithuti bale bane mo kotsing ya sejanaga mo tseleng ya N18 kwa motseng wa Dryharts gaufi le Taung ka Lamatlhatso. Go begwa fa sejanaga se seneng se kgweediwa ke mongwe wa baithuti bano, sene sa sa amega mo kotsing le go menoga.

Go begwa fa Oratile Mogorotsi, Orapeleng Madutla, Reaobaka Mocumi ga mmogo le Fafa Mosimanegape ba ne ba tlhokafala. Ba lelapa la ga Goitsemodimo ba mo kaile jaaka ngwana o o boikobo ebile a ne a reetsa.    

Mamogolwagwe Orapeleng, Kamogelo Modutla wa tlhalosa. “Orapeleng one a tsena ko sekolong se segolwane sa Pudimoe, mme ene one a feditse sekolo mo ngwageng o fetileng. Go tlhokafala ga gagwe go re utlwisitse botlhoko thata re le ba lelapa.

“Tota, rene re sa solofela gore go tla diragala tiragalo e entseng jaana. Gape, jaaka lelapa, re ne re setse re solofetse go le gontsi go tswa mo go ene, gonne one a setse a tsentse kopo ya tsweletso-dithuto kwa kholejeng ya selegae ya Vuselela,” Kamogelo wa tlhalosa.

Naomi Leeuw, ke sebueledi sa lelapa la ga moswi, Reaobaka Mocumi. Leeuw o kaile fa ba tswa kwa motsaneng wa Matlhako 2 gaufi le Pudimoe, mme ba amilwe ke tiragalo e.

“Reaobaka one a tsena kwa sekolong se segolwane sa Pudimoe, mme a dira mophato wa 11. Re ne re solofetse fa Reaobaka ka tsena sekolo le go tsweletsa dithuto tsa gagwe, mme are direle morago ga moo. Ene e sentse ele ngwana fela o kwa tlase ka dingwaga, mme ale boikobo,” Leeuw wa tlhalosa.

Letlhogonolo Mogorotsi are le ene o latlhegetswe ke setlogolo sa gagwe mo tiragalong e. Mogorotsi are, Oratile (21) ene ele setlogolo sa gagwe se se tonna, mme one a mo rata thata.

“Oratile one a rata go ka dira ka diatla, gonne rremogolo wa gagwe le ene one a rata go ka dira ka diatla. Jaanong, kene ke solofetse dilo dile dintsi thata go tswa mo go ene. Le fa rene re kgaogana ka Labotlhano kwa Motimalenyora, go ne go le monate, mme ene, o ne a le maitseo thata.

“Le fa a ne a dira dilo dingwe tse di tswileng mo tseleng, one o ka seka wa mo bona a di dira mo pele ga batho. Le fa rele koo, ene ere fa a ka mpona, one a itshuba,” Mogorotsi wa tlhalosa.

Moruti Lerato Lebona go tswa kwa sekolong se se potlana sa Botshelo one a neelana ka letswe la go ritibatsa maikutlo. Lebona are ngwana mongwe le mongwe o botlhokwa go ya ka tsela ya gagwe.

“Modimo ke lorato, gonne o ile a bopa motho mo setshwanong sa gagwe. Kotsi e e diragaletseng bana ba, ke kgwetlho fela mo matshelong a rona. Fela fa Modimo a le teng, ga a yo mathata.

“Re rapela gore baithuti ba marematlou ba amogele, ebile ba kgone go ka tswelela sentle ka ditlhatlhobo tsa bone go se sepe se se ba emang ko pele,” Lebona wa tlhalosa.

Kgabagare, mokhuduthamaga wa Tshireletso ya Baagai le Dipalangwa mo Bokone Bophirima, Sello Lehari are: “Re ikuela go bakgwetsi le badirisi ba ditsela go nna kelo-tlhoko, mme ba itlhokomele mo ditseleng tse di farologaneng tsa porofense segolo bogolo jang ka motsi wa dipula.”

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.