Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa Kolong e buseditswe morago!


Ka BAKANG MOKOTO

Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Kolong gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlha-tshekelo ya Taung. Go begwa fa Thapelo Mojaki (40) a ne a tsatsanka mosadi wa gagwe, Matshidiso Mojaki (36) yo a ne a sa tlhole a dula le ene ka sekere le go mo lobela dintshi.

Tiragalo eno, e diragetse ka kgwedi ya Diphalane e tlhola matsatsi ale 9 mono ngwaga.  Go ya ka se sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brig Sabata Mokgwabone, Thapelo, gape one a tsatsanka ngwana wa gagwe wa mosetsanyana ka sekere pele a lebotsa phokoje.

“Re ka netefatsa fa mapodisi a kwa Taung ba batlisisa kgetsi ya polao, ga mmogo le ya go keteka ka maikaelelo a go tsenya dikgobalo. Seno se tla morago ga tiragalo e go begiwang fa Matshidiso a ile a tlhabiwa ka sekere, moo ebileng a feleletsa a latlhegetswe ke botshelo. 

“Go begwa fa moswi a tlhabilwe ke monna wa gagwe, Thapelo ka sekere. Go ya ka dipego, Matshidiso yo o neng a tsamaya le bana ba gagwe ba le bararo eleng basetsanyana ba babedi ga mmogo le mosimanyana go ya tirong fa a ne a tlhaselwa,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Go ya ka Mokgwabone, Thapelo Mojaki one a ikgorotsa mo tseleng le go kopana le moswi. Go kaiwa fa molatofadiwa ane a batla karata ya banka mo go Matshidiso, mme moswi one a mo kaela fa a sa e tsaya.

“Go begwa fa molatofadiwa a ne a ntsha sekere le go tlhaba moswi, mme one a tlhaba gape ngwana wa gagwe wa mosetsanyana pele ga a ka lebotsa phokoje.

“Tiragalo eno, ene ya begwa kwa sepodising, mme molatofadiwa one a tshwarwa mo letsatsing le le latelang. One a tlhageletse ka boripana fa pele ga kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la maabane, mme kgetsi ene ya busediwa morago,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgetsi e buseditswe morago go fitlha kgwedi ya Sedimonthole e tlhola matsatsi ale supa, fa Thapelo a ka nama a letile kwa ntlo-lefitshwana morago ga go ganelwa ka beile.  

Kgabagare, mokwaledi wa lekoko la sepolotiki la EFF mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Amogelang Matuane are: “Jaaka mokgatlho wa rona wa sepolotiki wa EFF, re netefaditse gore go nna le lephata le le thusang ka dikgetsi tsa tshotlakako ya bong mo mokgatlhong wa rona.

“Mme maitlhomo le maikaelelo a lephata leno, ke go samagana le dikgwetlho ga mmogo le dikgetsi tsa tshotlhakako ya basadi le bana. O ka ela tlhoko gore dikgetsi tsa tshotlakako ya basadi le bana digola letsatsi le letsatsi mo sedikeng sa rona.”

Matuane are, jaanong ha go ntse jalo, ba bone go le botlhokwa gore dikgetsi tseo di bewe leitlho. Are ke ka moo ba ne ba ile kgotlha-tshekelo ka maitlhomo le maikaelelo a go supa kemo-nokeng mo batswa-setlhabelong.

“Ha re bua ka tshotlakako ya bong, ga e diragale fela ko motho yo o sa mo itseng, mme le mogare ga malapa a mantsi tiragalo eo e tsaya karolo. Jaanong, re tlile go ema ba lelapa nokeng gore tshiamiso e diragadiwe kgatlhanong le molatofadiwa.

“Jaaka EFF, re tlile go baya kgetsi eno leitlho go fitlhelela tshiamiso e diragadiwa. Jaaka mokgatlho, rena le bagokaganyi go ralala sedika, mme re ikuela go botlhe ba ba itemogelang tshotlakako ya bong go ka golagana le bone,” Matuane watlhalosa.

O kaile gape fa seo se tlile go thusa thata, gonne ba tlile go buisana le mafapha a farologaneng a puso jaaka lefapha la katlatlelo-loago le go netefatsa fa batswa-setlhabelo ba bona thuso.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.