
Ka REGINALD KANYANE
Mokgweetsi wa bese ya setlamo sa Pumatra e e amegileng mo kotsing ya tsela magareng ga motse wa Mokassa 2 ga mmogo le Lokgabeng gaufi le Taung mo letsatsing la maabane, are o kokotlegela sentle.
Tsietsi Segosapelo are, o bone dikgobalo tse di botlhotshwana fela, mme o ile a amogelwa kwa bookelong ga mmogo le bapagami ba ba farologaneng.
Tiragalo e, ke ya mo mosong wa Labobedi.
Go ya ka dipego, mokgweetsi wa bese yo o ne a tswa Pampierstad, mme a tsamaya ka tsela e e fetang ka motse wa Mocweding, o ne a kgweetsa mo tseleng ma gareng ga motse wa Mokassa 2 le Lokgabeng fa a ne a kopana le tekesi e eme mo gare ga tsela.
Go kaiwa fa Segosapelo a ne a leka o e efoga tekesi eo, mme a latlhegelwa ke taolo ya bese.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Sarasanta, Tryphosa van Rooyen are, bese eo, ene e pagamisitse bapalami ba ka nna 40.
“Go ya ka dipego, bese eo ene ya phetoga morago ga gore mokgweetsi a latlhegelwe ke taolo. Babagami bagwe ba bone dikgobalo tse di masisi fa ba bangwe ba iponetse fela tse dibotlhotshwana.
“Bapagami bao, ba ne ba rwalelwa kwa bookelo jwa selegae. Kgetsi ya go kgweetsa botlhatswa le go ikgatholosa meloa ya tsela e butswe, mme dipatlisiso di tsweleletse,” van Tryphosa wa tlhalosa.