
Ka KEDIBONE MOLAETSI
Baagi ba motse wa Moretele ga mmogo le metse e mabapi ba ikuela mo pusong go ka tlisa ditirelo kwa motseng wa bone. Go ya ka baagi bano, metsi ga mmogo le ditsela tse di sa tsamaegeng segolo bogolo jang fa fa dipula dinele ke tlhoba-boroko.
Mongwe wa baagi, Lolamisang Mosegeleng are ba lekile go buisana le molekgotlha ka ditletlebo tsa bone, mme go bontsha fa a itshetse moriti o tsididi.
“Nna ke tla itumela fela fa puso e ka re direla tsela e tswang mo motseng wa Ntswanahatse go leba kwa motseng wa Maganeng. Tsela eo, ga ya diriwa sentle, gonne e kgaogantswe mo magareng.
“Se sengwe se re lelang ka son eke tlhokego ya metsi. Tlhokego ya metsi ke tlhoba-boroko mo motseng wa rona. Re mo mathateng a go tlhoka metsi, mme re tshwanelwa ke gore re a latele kgakala. Ga jaana, dipeipi tse re ne re digogile go tsena mo matlung dikabetse ga di sa ntsha metsi,” Mosegeleng wa tlhalosa.
O kaile gape fa pompo e e ba neelang metsi e le nosi fela, mme e sa lekana, gonne motse go godile.
Moagi o mongwe ke Keaobaka Motsi o kaile fa gona le dilo dile dintsi tse ba sa kgoneng go di fitlhelela mo motseng wa bone. Motsi are, kolotsana ya kliniki (mobile clinic) kliniki e ba e abetsweng mo motseng wa bone ele ka ntlha ya go tlhoka kliniki mo motseng, e goroga morago ga nako.
“Seo se dira gore re se bone ditirelo tsa boitekanelo ka nako fa re di tlhoka. Se sengwe se re lelelang ka sone ke se molekgotlha wa rona a fetsang go se dira. O kaile fa a tlile go re tsenyetsa mabone (high mask light) tse di sa lekanang. Gape, re le baagi re tlhoka tsela, gonne fa pula e nele, ga go tsamaege,” Motsi wa tlhalosa.
O kaile fa ba ikuela mo pusong go ka ba agela madutelo a metsi mo motseng wa bone, gonne metsi ele tlhoba-boroko.
Fela, molekgotlha wa kgorwana eno ya bobedi, Tumi Tabe are ba tsweletse go samanagna le mathata a otlhe a baagi ba kopanang le one mabapi le thebolo ya ditirelo.
“Ke ikutlwa kele motlotlo ke itumetse le gore mo nakonyana hela e ke simolotseng ka yone go nna molekgotlha wa kgorwana eno ya bobedi, puso e e re eteletseng pele ga e nthobatse ka go nketela, mme e tla go bona le go batla go itse gore ke eng tota se baagi ba se tlhokang.
“Puso e tlile, mme ke kgotsofetse. Fela, se nka se tlhagisang ke gore, kene ke eleditse fa tonakgolo, Bushy Maape a ne a tlile. Re ne re itsisitse baagi ba rona ga mmogo le bagodi gore tonakgolo o tla nna gone mo keteleng eno, fela maswabi ke gore seo ga sa direga,” Tabe wa tlhalosa.
Tabe o kaile fa a ka bua a sa kgale mathe ganong gore ditirelo tse di tlhokegang jaaka metsi ga mmogo le ditsela, ba samagane le tsone. Are ha ba setse ba tshimolotseng ka kago ya tsela kwa motseng wa Maganeng.
“Tsela eo, key one e baagi ba ne ba eletsa gore e ka agiwa, gonne e tsamayang mo gare ga motse, mme e isa baagi kwa ditheong tse difarologaneng tsa puso jaaka kwa kliniki ga mmogo le kwa dikolong mtse di farologaneng.
“Jaanong, ha re tla mo ntlheng e nngwe e eleng tlhoba boroko ya metsi mo kgorwaneng e ya rona e, re buisane le masepala o mogolwane wa Taung, mme go fitlha ga jaana re itumelela tirisano mmogo ya bone ka go tla ka toga-maano ya go rebola metsi mo motseng wa rona ka ditanka tsa di JoJo, Tabe are jalo.
Gape, Tabe are masepala o thusa baagi ka metsi fa go na le diphitlho. Are, seo se thusa thata, gonne baagi ba kgona go tsamaisa diphitlho tsa bone sentle gona le metsi.
“Gone ke nnete gona le mo go tlhaelang teng, mme re tsweletse go netefatsa fa baagi ba fitlhelele thebolo ya ditirelo e namatsang. Ga jaana, re tswa go tsenya di pale tsa mabone (high mask light) tse pedi kwa motseng wa Khaukhwe ele go leka go fokotsa lefifi le le kana-kana mo motseng,” Tabe wa tlhalosa.