
Ka OBAKENG MAJE
Lefapha la Boitekanelo mo Bokone Bophirima le kaile fa thendara e ene e tshwanetswe ke go ka phatlhaladiwa mabapi le go ka baakanya kliniki ya kwa motseng wa Manthe mono Taung e sekegilwe nakwana.
Go ya ka sebueledi sa lefapha, Tebogo Lekgethwane, tshwetso eno e tshotswe morago ga gore go nne le dikgogakgogano marageng ga baagi le lefapha. Go begwa fa dithulelo tsa mogare ga kliniki (ceilings) diwele, mme le mantlwana-boithusetso a sa dire.
Baagi ba ne ba ikuela mo lefapheng go ka baakanya kliniki eno, gonne e sa sireletsega go ka dirisiwa ke baagi. Mokwaledi wa foramo ya kgwebo o bidiwang, Bagwebi Baga-Maidi Business Council, Lebone More are, ba ne ba ikgolaganya le kantoro ya mokhuduthamaga wa lefapha, Madoda Sambatha go latela ditletlebo tsa baagi.
E ne ya re dikgwedi dile pedi tse difetileng, lefapha lene la romela badiri ba lone go kopana le baagi le go ba neela tshedimosetso mabapi le ditlankana tsa thendara go tswa kwa lefapha.
Fela, kopano eno, ene e seka ya bona maungo a namatshang gonne baagi ba ne ba kaya fa ba sa itumelele dintlha-kaelo dingwe mo setlankaneng sa thendara.
Baagi ba ne ba kopa gore badiri bao ba lefapha ba boele morago, mme ba baakanye ditlankaelo tseo pele ba boela kwa go bone.
“Ga jaana lefapha le tshotse tshwetso ya go ka itirela tiro eno, gonne go tla re tsaya nako go nna re ntse reya kwa pele le kwa morago. Jaanong se re tlileng go se dira ke gore, re na le di artisans mo ditheo tsa rona jaaka ko bookelong jwa kgaolo jwa Taung, ga mmogo le kwa Joe Morolong Memorial Hospital kwa Vryburg.
“Gona le dilo tse re naganang gore di ka dirwa ka bonako ntle le tiego. Tse dingwe tsa tsone ke dithulelo (ceilings) jaaka re di bone diwele kwa kliniking ya Manthe. Jaaka lefapha, re itemogetse gape fa mantlwa-boithusetso a mangwe a sa tlhole a dira,” Lekgethwane wa tlhalosa.
O kaile gape fa lefapha le tshotse tshwetso ya go reka dilo tse di tlhokegang mo go baakanyeng sengwe le sengwe se se senyegileng, mme batla tsaya badiri (artisans) ba bone go ya go dira tiro eo.
Lekgethwane are, kgang ya thendara e tla dirwa, mme go melao le melawana e tshwanetswe ya salwe morago. Are, go botlhokwa gore go thibiwe boatla pele fa go sentse go letilwe kgang ya thendara.