Monna o tsieditswe matsebetsebe a diranta a kanang ka R350 000!  


Ka KEDIBONE MOLAETSI

Baagi ba rotlwediwa go ikela tlhoko le go itlhokomela kgatlhanong le ba ba dinalanyana, mme ba tsweletsa bogodu ka mokgwa wa tsietso. Seno se tla morago ga gore banna ba le babedi ba ba magareng ga dingwaga dile 22 le 49 batshwarwe kwa Kuruman ka Mosupulogo.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi la lephata la dipatlisiso jwa bogodu jo bo rulagantsweng, The Hawks kwa Kapa Bokone, mokaptein Tebogo Thebe are go begwa fa banna bano, ba tsieditse monna mongwe matsebe-tsebe a diranta di ka nna R350 000.

“Go begwa fa balatofadiwa ba, bane ba supetsa monna o matsebetsebe a diranta a eseng a nnete le go mo kaela fa madi gagwe a tla ntsifala fa a ka tlisa kwa go bone. Go ya ka dipatlisiso, balatofadiwa ba ne ba dira ga mmogo le ngaka nngwe ya setso.

“Go begwa fa ene ya re yo go bona matsebetsebe a diranta, monna yo one a itokolola kwa tirong le go rekisa sejanaga sa gagwe, mme a neela balatofadiwa madi ao. Go ya ka dibego, monna yo, one a ya go kopa thuso kwa sepodising morago ga go lemoga fa a tsieditswe,” Thebe wa tlhalosa.

Go ya ka Thebe, balatofadiwa ba ne ba tshwarwa mo metseletseleng ya dipatlisiso tse di neng di boloditswe ke sepodisi. Thebe are, sepodisi sene sa gapa ditlankana tse di dirisitsweng go ka dira madi a eseng a nnete ga mmogo le megala ya letheka ya banna bano.

“Go begwa fa ngaka ya setso yone e ile ya lebotsa phokoje, fela sepodisi se kaya fa sele mo motlhaleng wa gagwe. Balotofadiwa ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Kuruman ka Laboraro,” Thebe wa tlhalosa.

Kgabagare, tlhogo ya lephata la sepodisi la The Hawks kwa Kapa Bokone, Major General Kholekile Galawe o kopile baagi go ikela tlhoko gonne matsatsi a khunulogo a setse a atamela, mme seo se dira gore ditsietso di ntsifale.  

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.