Go kgerisiwa ga baithuti e sentse ele tlhoba-boroko kwa dikolong


Ka OBAKENG MAJE

Go ya ka dipatlisiso, go begwa fa bontsi jwa bana ba ba tsweletsang tshotlakako kgotsa go kgerisa bana ba bangwe, ba ka tswa ba tlile ba tlhekefadiwa ba sale bannye. Sekolo se se potlana sa Saku kwa motseng wa Modimong, se ne se rulagatse metseletsele ya twantsho kgatlhanong le go kgerisiwa ga baithuti ga mmogo le tiriso e botlhatshwa ya diritibatsi le nnotagi mo letsatsing la maabane.

Mokgokgo wa sekolo, Bitsang Tumelo are, ba dirile seno morago ga go itemogela fa gona le bana ba ba kgerisiwang kwa sekolong. Tumelo are, bontsi jwa bana ba ba kgerisiwang, ga ba bue mme ba itemogela go dira bokoa fela ga bone mo dithutong tsa bone.

“Mo matsatsing a fetileng, re ne ra itemogela matsapa mo sekolong sa rona. Gona le ngwana one a kgerisa ba bangwe, mme kene ka ikuela mokgosi kwa sepodising gore se ntlhage thuso. Go ne go na le ngwana o kaileng fa a tshoseditswe ka thipa, mme kene ka lemoga gore ke tsenye ba sepodisi go tlisa tsireganyo.

“Rene ra feleletsa re tlile ka lenaneo le, go tsweletsa metseletsele ya go ruta bana kgatlhanong le go kgerisiwa. Se re se itemogetseng jaaka barutabana ke gore, bontsi jwa bana ga ba bue fa ba kgerisiwa mo sekolong. Ke bua jaana gonne kgang e ya go kgerisiwa ga morutwana, ke tswa go e utlwa kwa lapeng,” Tumelo wa tlhalosa.

Gape o kaile fa morutwana one a kgerisa ba bangwe, a feleleditse a itokolotse kwa sekolong. Tumelo are ba ne ba iponela diphetogo morago ga seno.

“Morago ga seno, re ne ra bona phaphang, mme ke fela gore maitsholo a baithuti bangwe ga se a namatshang. Fela, relemogile fa botlhoko-tsebe bo wetse kwa tlase mo sekolong, mme re tshepa fa seemo se tla tokafala,” Tumelo wa tlhalosa.

Kgabagare, Sarasanta kwa seteisheneng sa sepodisi kwa Taung yo a dirang kwa lephateng la thibelo ya bosenyi jwa mo malapeng le tshireletso kwa dikolong (Social Crime Prevention and School Safety Unit), Kgalalelo Ntlolokwane are go botlhokwa gore batsadi ba tseye karolo mo go netefatseng fa bana ba bone ba dula ba sireletsegile ka dinako tsotlhe.

“Ke nagana gore eo, e ka nna maikarabelo a batsadi jaaka re itse gore ditshwanelo tsa bana ga di a tshwanelwa ke go gatakakiwa. Fela, ditshwanelo tsa barutabana di lekanyeditswe gonne ga ba kgone go ka puruputsha baithuti. Jaanong, re bona go le botokwa gore gongwe eo e nne maikarabelo a batsadi kwa malapeng.

“Batsadi ba tshwanetse go netefatsa gore ba puruputsha dikgetsana tsa dibuka tsa bana ba bone. Seo se tla thusa go bona gore baithuti ba tswa ba tshwere eng mo dikgetsaneng tsa bone tsa dibuka ha baya kwa sekolong,” Ntlolokwane wa tlhalosa.

Ntlolokwane gape o kaile fa barutabana ba leke go kopa baithuti ga ka puruputsha dikgetsana tsa bone tsa dibuka fa ba tsena kwa sekolong pele ba tswelela ka dithuto tsa bone tsa letsatsi.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.