
Ka OBAKENG MAJE
Mmila o mogololwane o golaganyang motse wa Manthe le toropo ya Taung o butswe morago ga di buisano ma gareng ga majoro wa masepala o mogolwane wa Taung, Tumisang Gaoraelwe. Baagi ba motse wa Kolong, ba ne ba parega mmila o morgao ga go ip[elaetsa ka porojeke ya go tsenya dipeipi tsa metsi.
Go begwa fa rakontereka wa Phala Borwa a thapilweng ke masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati go ka tsenya dipeipi tsa metsi go tswa kwa modutelong wa metsi kwa motse wa Morokweng le go kgabaganya motse wa Manthe, Makwating, Kolong ga mmogo le Ranstad.
Go begwa fa rakonteraka a begile fa a tlile go thapa baagi ba le tlhano ga mmogo le mogokaganyi a le mongwe mo porojekeng kwa motseng wa Kolong. Fela, baagi ba ne ba nna kgatlhanong le seo, mme ba parega mmila o matsatsi a le mabedi le go batla tharabololo mo morerong ono.
Gaoralwe o tlhotse a kopane le baagi le go ka reetsa matshwenyego a bone, mme go nnile le tumalano ya gore porojeke e tla emisiwa nakwana kwa motseng wa Manthe go fitlhela go nna le tharabololo. Go begwa fa go rulagantswe kopano ya baagi mo letsatsing la Labotlhano, mme maphata otlhe a amegang a tla tsenela kopano eo.
“Baagi ba kwa Kolong ba ikuela gore rakonteraka a thape baagi ba le 15 eseng ba le ba 5 jaaka a kaile. Rakonteraka o thapetswe go ka tsenya di peipe tsa metsi kwa motseng wa Kolong, mme porojeke ke ya ngwaga.
“Jaanong selelo sa baagi ba kwa Kolong ke gore, rakonteraka one a thapa baagi ba le 15 kwa motseng wa Makwating, fela o batla go thapa baagi ba le tlhano kwa motseng wa bone. Mme se ba sa se tlhaloganyeng ke gore seno se diragetse ka nako eo fa porojeke e tshimolola,” Gaoraelwe wa tlhalosa.
O kaile fa motse wa Makwating, Ranstad ga mmogo le wa Kolong e kile ya wela kwa kgorwaneng ya bo 14 ko Baga-Maidi. Gaoraelwe are jaanong go thapiwa ga baagi bale 15, ba ne ba kopane le metse ya Baga-Maidi yotlhe, eseng fela kwa Makwating.
“Ga jaana, motse wa Makwating, Ranstad ga mmogo le wa Kolong wa di ikarabela kwa kgorwaneng ya 12. Jaanong ha baagi ba Makwating ba thapiwa, ba thapiwa jaaka baagi ba kgorwana ya bo 12, eseng y abo 14 jaaka go ne go ntse mo malobeng.
“Ga re kake ra re ka gore gone go thapilwe baagi ba le 15 ka nako ele, jaanong go tshwanetswe ga thapiwa baagi ba le 15 gone jaanong. Rakonteraka o na le sebaka sa ngwaga go ka dira tiro e a e thapetsweng, mme o tla tshimolola ka go thapa baagi ba le 5 le mogokaganyi go tswa mo baaging, mme o tla laolwa ke tiro ya gagwe fa e ntse e tsweletse,” Gaoraelwe wa tlhalosa.
Gape Gaoraelwe are gongwe go tla diragala gore ha tiro entse e tsweletse, rakonteraka o tla boa gape a thapa baagi ba bangwe go oketsa palo. Gaoraelwe are gongwe e tla re ha porojeke e ya kwa bokhutlhong, ke gone gape ha rakonteraka a tla boelang kwa botlhanong jo one a bo thapa ha a tshimolola.