Basha ba ba tsenetseng thupelelo ya pharakano ya masepaleng ba tsweletse ka dithuto!  


Ka OBAKENG MAJE

Majoro wa masepala o mogolwane wa Taung, Tumisang Gaoraelwe o ganeditse magatwe a tletse-tletseng mo maranyane a boitapoloso, mme a kaya gore basha ba ba tsenetseng thupiso ya go nna borra le bo-mmapharakano ba buseditswe gae.

Go ya ka dipego, masepala ga wa latela molao fa one o tsweletsa lenaneo leno la ithutela-tirong (learnership). Jaanong go kailwe fa college e basha bano ba leng ko go yone e ba buseditse gae gonne go sena lekwalo la maitlamo go tswa kwa masepala.

Go begwa fa masepala o beetse thoko dimillione tsa diranta, mme ene ya re dikgwedi dile tharo tse di fetileng, one wa tsaya basha ba ka nna 30 go ba isa kwa college kwa porofenseng ya Free State go ka rupiseditswa tiro ya pharakano.

Fela, lenaneo leno le ne la tsosa dipuo-puo, morago  ga dipego tsa gore bontsi jwa basha ba ba tlhopilweng, ba tsentswe ka bokukuntshwane. Molekgotlha wa lekoko la sepolotiki la Patriotic Alliance (PA), Mmoni Letele one a ntsha mosi ka sekhurumelo, mme a gatisa video fa basha ba, bane ba rorwa ka dipalangwa gotswa mo Taung le go leba kwa Free State.

Letele o ane a mina ka nko ele nngwe, one a utlwala mo video a tsatsanka molekgotlha wa lekoko la ANC, Pinkie Mosinkiemang o go begwang fa a ne a digoga kwa pele ka dipotso tse di tlhokileng di karabo.

Letele one a tlhalosa fa khansele ya masepala e ise e tseye tshwetso gore basha ba ba thapiwe, mme a botsa gore basha ba bone ba thapilwe jang. Letele one a itelekela gaufi le sepalangwa se sene se rwele bash aba, mme le bone a ba tlhoma ka dipotso.

Fela, one a tswa ka ngobo e sa fotlhwa gonne, basha ba, ba ne ba  mo shebela go mo itse mme ba didimala fela jaaka ngwana a lailwe.

“Magatwe a tletse-tletseng, ebile a tlhalosa fa basha ba ba tsenetseng thupelelo ya go nna borra le bo-mmapharakano ba boetse gae, ga se nnete. Jaaka masepala, ga se re tsamaye re bolelelwe gore bana bao ba tshwanetse gore ba boele gae.

“Mme ke tla go netefaletsa gore le gompieno jaaka ke bua le wena jaana, bana bao ba tsweletse ka di thuto tsa bone tsa ikatiso kwa college.  Ga go kgonagale gore re le masepala, reka isa bana kwa ikatisong gape e be e nna rona ba re ba busetsang morago,” Gaoraelwe wa tlhalosa.

Mme Gaoraelwe o kaile fa basha ba, ba tla tswelela jalo kwa college go fitlhelela ba fetsa thupelelo ya bone. Gaoraelwe are ga gona lekwalo lepe le le tlhokegang le le netefatsang gore bana bao ba tlile go tlhapiwa fa ba fetsa ka thupelelo ya bone ya go ithutela-tirong.

“Ga go tlhokagale lekwalo le le netefatsang gore bana bao ba tlile bo thapiwa go ya ka molao. Jaaka rele masepala, re ka netefatsang gore go ile ga tsewa tshwetso ya gore go nne le lephata la pharakano mo masepaleng, mme seo ga se amane gope le thupelelo ya ithutela-tirong ya bana ba.

“Jaanong, tumalano e e teng ga e kopane gope le go thapiwa ga bana ba ba ileng college. Fa gona le tlhokego ya gore go nne le netefaletso ya lekwalo le le shupang gore go tlile go nna le phatlhatiro ya borra le bo mmapharakano mo masepaleng, ke tla leka go bona lekwalo leo go tswa mo go ba ba maleba,” Gaoraelwe o kaile jalo.

Gape are, ga itse sepe ka lekwalo le le tshwanetswe gore le romelwe kwa college go shupa gore bana bao ba tlile go thapiwa fa ba fetsa ka thupelelo. Gaoraelwe are go ka be go se botlhale go ka ntsha lekwalo leo, le mororo ba sa itse gore a basha ba, ba tlile go feleletsa thupelelo ya bone ka botlalo.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.