‘Dintshontsho tsa lerato di bakela banna bangwe dikgobalo kwa Mokassa’


Ka BAKANG MOKOTO

Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya go kgweetsa botlhatshwa morago ga gore sejanaga sa modiro wa Toyota Tazz se thulane le kara ya ditonki kwa motseng wa Mokassa gaufi le Taung. Tiragalo e, e diragetse ka Lamatlhatso ka 20:30 mo bosigong.

Go ya ka dipego, go utlwala fa mokgweetsi wa sejanaga sa Toyota Tazz yo eleng moagi wa kwa Maphoitsile, one a lemoga fa kgarebe ya gagwe e tsamaile le banna ba le babedi ba kwa motseng wa Mokassa, mme a ba baya marowa.

Go begwa fa ene ya re go ba bona, one a thula ditonki ga mmogo le kara. Go ya ka sepodisi, bapalami ba le bararo ba ne ba bona dikgobalo, mme ba tabogisediwa kwa bookelong go ya go bona kalafi.  

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aafje Botma wa tlhalosa: “Re ka netefatsa fa sepodisi se batlisisa kgetsi ya go kgweetsa botlhatshwa, mme bopaki bo setse bo tshotswe ke  sepodisi mo mokgweetsing wa sejanaga sa Toyota Tazz.

“Mokgweetsi one a le mongwe mo sejanageng, fa bapalami ba kara ya ditonki ba ne bale bararo.”

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.