
Ka BAKANG MOKOTO
Baagi ba ba neng ba shakgetse ba kwa motseng wa Lokgabeng le Mokgareng gaufi le Taung, ba ne ba ikadima mongwe wa basimanyana ba ba latofadiwang ka go utswa dithapo tsa motlakase mo letsatsing la maabane bosigo.
Go kaiwa fa go utswiwa ga dithapo tsa motlakase ele tlhoba boroko mo motseng wa Lokgabeng le Mokgareng, mme seno se tlogetse matlo a le mantsi mo lefifing la mma ntshwarele ngwa ke ale.
Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Mothohela Motshabi are ga jaana, baagi ba tshelela fela mo letshogong, ebile ba ikutlwa ba sa sireletsega.
“Re le baagi, ga re itumelele se basimanyana ba ba nyaope ba se dirang. Basimanyana ba, ba kaile fa ba utswa dithapo tsa motlakase tse di golaganyang matlo go tswa kwa dipale mme ba ye go di rekisa kwa scrapyard sa monna mongwe gatwe ke Mpofu.
“Mme se se re tshwenyang thata jaaka baagi ke gore, basimanyana ba, ba kaile fa Mpofu a reka dithapo tse ka madi a kanang ka R45 kgotsa R50. Jaanong, motse wa rona o senyegile bagaetsho,” Motshabi wa tlhalosa.
Gape Motshabi o kaile fa baagi ba mafelo a umakilweng a, ba tlile go kopana ka letsatsi la Tshipi ele go tla ka toga-maano ya go rarabolola bothata jo ba lemogileng ele botupi jwa nta ya tlhogo mo motseng.
“Ntlha ya rona ke gore, re tlile go kopana re le baagi ba Mokgareng le Lokgabeng ka Sontaga, gonne re kopile gore scrapyard se, se tsamaye mme go botsha fa mongwe wa sone a thibane ditsebe gonne se sale teng.
“Gape re itemogetse fa go na le dipanyane mo motseng wa rona ba ba golaganang le Mpofu, mme ba mo rorela mafoko gore ke bo mang ba ba neng ba bua ba reng ko dikopanong,” Motshabi wa tlhalosa.
A re jaaka ele baagi, ga ba tshabe sepe ebile ba ikiteile sehuba gore ga batle go letlelela bonokwane mo motseng wa bone ebile bodirwa ke dirathana.
“Nagana fela ntlo ya mogolo e tseelwa thapo ya motlakase? Gape sepodisi sa rona le sone ga se tsiboge, gonne fa ba tshwara basimanyana ba go le bosigo, kamoso mo mosong o tla be o ba ba bona gape ba sasanka mo motseng.
“Re ne re ikuela ko sepodising sa rona gore se re tseele tlhogong, gonne re le baagi re ka tlogana re tswa mo taolong ka ntlha ya dilo tse ba di dirang,” ga tlhalosa Motshabi.
A re ga ba itumela, mme ka Sontaga gone batla tsaya tshwetso ya gore go dirweng ka bothata jo. Motshabi are jaaka baagi, ba utlwile, mme ebile ga ba kgore boroko.
“Fa motho a sentse a robetse go le bosigo, fela fa utlwa sengwe se thwanya ko ntle, o tshwanelwa ke go tswa a ye go sheba gore a mme ga se magodu a thapo tsa motlakase.
“Ga re re ke setlhopa sengwe, mme rare jaaka baagi ba Mokgareng ga mmogo le Lokgabeng re tshwere bothata,” Motshabi wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, mokaptein Aafja Botma are, ga gona kgetsi e butsweng ko sepodising kgatlhanong le mosimanyana mongwe o a latofadiwang ka go utswa dithapo tsa motlakase.