Setatwe o buseditswe kwa ntlo-lefitshwaneng!


Ka KEDIBONE MOLAETSI

Baagi ba metse e farologaneng kwa Taung, ba tlhotse ba tlile ka makatla-namane kwa kgotlha-tshekelong ya Vryburg go tla go itseela ka tsebe mo letsatsing la gompieno. Seno se tla morago ga gore lepodisi la pele, Godfrey Itumeleng Setatwe (45) yo oneng a tshwarwa le go latofadiwa ka bogodu jwa leruo a tlhagelele ka boripana kwa kgotlha-tshekelo.

Go begwa fa sepodisi sa Vryburg sene sa emisa sejanaga se se belaetsang, mme se kgwediwa ke molatofadiwa, Setatwe. Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, mokaptein Aafje Botma, sepodisi sene sa bona dipudi dile 21 tsa boleng jwa R42 000 mo sejanageng sa ga Setatwe morago ga go sepuruputsha.

Botma are, sepodisi sene sa tlhoma Setatwe dipotso le go mo botsa gore o tsaya kae leruo leo. Fela go begwa fa Setatwe a ne a shadikanya matlho, mme a palelwa ke go araba dipotso tse di mogote tsa sepodisi.

“Sepodisi se ne sa lemoga fa molatofadiwa fa a ne a sena le lekwalo la go ka tsamaisa leruo. O ne a lelelwa ke ditshipi, mme sepodisi sa leba kwa seteisheneng sa sepodisi sa Vryburg le ene.

“Go begwa fa go goroga ga sepodisi kwa Vryburg, Setatwe ane a leka go le botsa phokoje. Go kaiwa fa sepodisi sene sa mo baya marowa, mme ene a digela mapodisi ba ba ne ba leka go mo latlhela kwa ntlolefitshwaneng dingalo. Leruo le go belaelwang fa lene le utswilwe, le ne la neelwa mong wa lone morago ga go mo batla,” Botma wa tlhalosa.

Gobegwa fa Setatwe yo oneng a direla sepodisi sa Afrika Borwa kwa lephateng la leruo kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung, a lebagane le kgetsi enngwe ya bonwenwe. Setatwe o ne a kobiwa kwa sepodising morgao ga dipego tsa gore one a direla mongwe wa batshwarwa ba polao seshupo (affidavit) e ene e kaya fa a ne a seo kwa lefelong la tiragalo fa bosenyi bo ne bo direga, gonne a ne a etetse seteishene sa sepodisi go ya go tlaleya fa a latlhegetswe ke mogala wa letheka.

Fela dipatlisiso tsa sepodisi, di ne tsa shupa fa mogolegwa o, a ne a bua maaka, mme ba dirile bogwenegwene le Setatwe ka go leka go bipa bopaki. Kgetsi ya bogodu jwa leruo kgatlhanong le Setatwe e buseditswe morago go fitlhelela ka Labone wa beke e.

Setatwe ene o ka nama a letile kwa ntlo-lefitshwaneng.     

Kgabagare, mokhanselara wa kgorwana ya bone kwa motseng wa Dryharts, Kagiso Pudule are bosinyi jwa leruo ke tlhoba boroko.

“Jaaka moetapele, go botlhoko go bona leruo la baagi le utswiwa etswa ele lone le ba itshidisang ka lone. Jaanong, nna kare a molao o diragadiwe gore go seka ga diragala gore baagi ba rona ba utlwe botlhoko, mme kamoso ba tsoge ba itseela molao mo matsogong.

“Bosinyi ke tlhoba boroko mo motseng wa rona, mme leruo ke lone khumo ya ngwana wa thari e ntsho,” Pudule wa tlhalosa.

 taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.