Majoro Gaoraelwe o latofadiwa ka go thapa lekgarebe la gagwe mo learnership ya pharakano ya masepala!  


Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba motse wa Taung ba solofetswe go ka bolotsa mogwanto wa boipelaetso go ralala Taung gompieno. Seno, se tla morago ga gore baagi ba ikuele gore majoro ga mmogo le mmusa-kgotlha wa masepala wa Taung o mogolwane, Tumisang Gaoraelwe le Grace Moipolai ba itokolole mo tirong.

Moeteledipele wa baagi, Modisaotsile Lebitse are, go na le dintlha di le dintsi tse ba sa dikgotsofaleleng. Lebitse are nngwe ya dintlha tseo, ke go thapiwa ka bokukuntshwane ga bana bangwe mo ithutela-tirong (learnership) kwa masepaleng.

ā€œKe moagi o tletseng wa mo Taung, jaanong re lora go bona Taung e tlhabologa, mme re tshwane le mafelo a magwe a ko ntle. 

ā€œKa go tlhoka lesego, rona mo Taung ga rena baeteledipele. Baagi ba pipitletswe, ebile ba mina ka nko ele nosi ka ntlheng ya batho ba le ba bedi fela bao ba phutlhamisang Taung,ā€ Lebitse wa tlhalosa.

A re morago ga dikgwedi di le supa, Gaoraelwe le Moipolai, ba bontshitse gore le bone ba tlile go tshwana le baeteledipele ba ba fitileng. Lebitse are malobanyana fa, go nnile le ithutela-tirong (learnership) ya pharakano e eneng e tshwanetse go unngwela bana ba Taung, mme e unngwetse fela batho bangwe ba ba rileng.

ā€œBana ba ba tshotsweng, gotlhelele ga ba maleba. Gaoraelwe o kaile fa ithutela-tiro (learnership) e tseile bana ba le 11, fela fa re tla go lebelela mo mafaratlhatlha, e tshotse bana ba le 30.

ā€œMme o buile puo ya gore ga go reye gore bana bao ba tlile go dira fa ba boa. Ke nkgata ke tlhaname, gonne gape one a kaya fa bana bao ba tlile go fitlha ba thapiwa,ā€ Lebitsa wa tlhalosa.

Lebitse gape o kaile fa ba sa itumelele mokgwa o Taung Cultural Calabash e tsamisiwa ka teng. Are go matshwenyego a le mantsi a ba nang le one.

Mongwe wa baagi, Thato Mampane, o latofaditse Gaoraelwe ka go thapa lekgarebe la gagwe mo ithutela-tirong (learnership) ya pharakano e e tsositseng dipuo-puo.   

ā€œNna jaaka moagi, kena le bopaki jwa gore sejanaga sa modiro wa BMW se se neng se dirisiwa ke majoro wa maloba, Kgosi Nyoko Motlhabane se sale gone.

ā€œGape, lekgarebe la ga Gaoraelwe ke mongwe wa ba unngwelwa mo ithutela-tirong (learnership) eo. Rena le bopaki jwa gore o tlile a nna le di kamano tsa marato le ene,ā€ Mompane wa tlhalosa.

Gape o kopile gore masepala go neele baagi tokomane ya MPAC e tlhalosang gore matlole a dirisiwa jang.

Fela Gaoraelwe, o ganetse ditatofatso tseo. O kaile fa kgang ya dijanaga tse di rekilweng ke masepala, e sa tlhole ena le mooko gonne e builwe kgapetsa-kgapetsa.

ā€œMelao e tsamaisang dimasepala go ralala naga, ya re kaela gore fa sejanaga se setse e fetile nako e rileng, ga se sa tlhole se babalesegile go ka kgweediwa ke majoro.

ā€œSeo ga se direge fela mo masepaleng wa Taung, mme se diragala mo dimasepala tsotlhe go ralala Afrika Borwa. Fa Mampane are nna ke thapile lekgarebe lame, ga gona se ke tla se buang gonne nna ga kena lekgarebe moo,ā€ Gaoraelwe wa tlhalosa.

Gaoraelwe o kaile fa a se mo seemong sa go ka tlhalosa gore lekgarebe la gagwe ke mang, gonne a setse a tshwaragane le kgang ya go kgaogana (divorce) le mosadi wa gagwe.

ā€œJaanong, fa motho ele mosadi wame, mme a le maleba go ka tsena mo maemo mangwe mo masepaleng, a seo se raya gore a se thapiwa? Molao ga o kganele ope go ka thapiwa, fela ga gona ope o ke ratanang le ene mo bathung ba ba thapilweng mo ithutela-tirong (learnership) ya pharakano.

ā€œMongwe le mongwe yo eleng moagi, o kgona go bona MPAC report. Jaanong, Mampane a ka ya ko masepaleng go ka ikopela tokomane eo. Jaaka masepala, re na le setlankana sa kgotlhatshekelo kgatlhanong le Lebitse,ā€ Gaoraelwe wa tlhalosa.

Mme o kaile fa ka 2019, Lebitse a kganetswe ke kgotlhatshekelo go ka dira dikopano le go tsena ka dikago tsa masepala. Gaoraelwe are se ba tla se dirang fela, ke go letsetsa sepodisi, mme Lebitse a tshwarwe.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.