EFF mo sedikeng e tshwenngwa ke dikgetsi tsa petelelo!


Ka BAKANG MOKOTO

Lekoko la Economic Freedom Fighters (EFF) mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, le kaile fa le tlile go tswelela ka twantsho kgatlhanong le tshotlakako ya basadi le bana. Seno, se builwe ke motlatsa mokwaledi wa bosetshaba wa lekoko, Poppy Mailola kwa moletlong wa lekoko.

EFF ene le tshwere moletlo wa go ka tshwaya kgwedi ya basadi kwa Ipelegeng Multi-purpose Centre kwa motsesetoropong wa Ipelegeng gaufi le Schweizer Reneke.    

Mailola are, dikgetsi tsa petelelo kgatlhanong le basadi le bana ba basetsanyana di tsweletse go gola ka lobelo. O kaile fa seno ele tlhoba-boroko gonne bana bangwe ba ba setsanyana ba betelelwa ke ba masika a bone.

“Dipetelelo tsa bana mo malapeng di ama kgolo le bokamoso jwa bone, gonne ba gola ba le mo tlase ga kgatelelo ka ntlha ya fa ba belaelwa ba sirelediwa. Re ne re kopane le bagolo ba rona go ka tla go re tlhaba matlhale mo ntweng kgatlhanong le tshotlakako ya basadi le bana.

“O tla gopola gore re keteka kgwedi ya bomme, mme re tsweletse le go gopola basadi ba 1956 ba baneng ba tswa letsholo, mme ba gwantela kwa Union Building go ka neelana ka lekwalo la bone la ditopo (memorandum). Ba ile ba lwela kgololosego gore re seka ra tlhola re tsamaya ka di dompase,” Mailola wa tlhalosa.

Gape o kaile fa ngwana mongwe le mongwe a tsalelwa mo le lapeng, mme a godisiwa ke setshaba ka kakaretso. Jaanong, Mailola are go botlhokwa go tokafatsa tsela e batsadi ba godisang bana ba bone ka teng.

“Ke ikuela go batsadi gore ba godise bana ka go lekana go sa kgathalasege bong jwa bone. Bana ba rona ba basimane ba tshwanetse go itse gore ga gona ope o tshwanelwang ke gore ditshwanelo tsa gagwe di gatakakiwe. 

Kgabagare, motlatsa-mokwaledi wa lekoko mo sedikeng, Amogelang Matuane o ikamantse le puo ya ga Mailola. Matuane are moletlo ono, ene ele karolo ya metseletsele ya meletlo e lekoko la gagabo le e boloditseng naga ka bophara.

“Mme se ke tla se tlhalosang ke gore, thologelo ene ele e namatsang, ebile e kgatlhisa. Lekoko la EFF le ne le laleditse mafapha a farologaneng a puso jaaka lefapha la boitekanelo, le lefapha la katlatlelo-loago.

“Batlhankela ba boitekanelo ba tsibositse batla moletlong ka malwetsi a farologaneng ao eleng tlhoba boroko, ebile ale matshosetsi mo basading. Basadi ba tsibositswe go dira diteko tsa boitekanelo kgapetsa-kgapetsa le go netefatsa fa ba eleng batswa setlhabelo ba malwetsi a farologaneng ba bona kalafi,” Matuane wa tlhalosa.

Are ba itemogetse fa lefapha la katlatlelo-loago le tshwenyegile thata ka seemo se se tsweletseng go gola sa dikgetsi tsa tlhekefetso ya basadi le bana. Matuane o kaile fa lefapha le tsibositse maloko a EFF go akaretsa le batla-moletlong gore, go botlhokwa go bega di kgetsi tsa mofuta ono kwa sepodising.

“Sebui segolo sa letsatsi ene ele Poppy Mailola. Mme ene o supile fa basadi le bana ba tlhekefediwa, mme se o ele tlhoba boroko mo mokgatlho wa EFF, gonne puso e goga dinao go ka tokafatsa seemo,” Matuane wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.