Tirelo ya thapelo e itumedisa baithuti kwa sekolong sa Mokgareng!


Ka OBAKENG MAJE

Baithuti ba sekolo se se golwane sa Mokgareng gaufi le Taung, ba ne ba tsenetse tirelo ya thapelo kwa sekolong sa bone mo letsatsing la Labotlhano. Seno se tla morago ga gore mogokaganyi kwa Taung Annual Gospel Festival (TAGF), Tshidi Moreane, a rulaganye tirelo eno.

Moreane o kaile fa tiriso e botlhatswa ya diritibatsi ga mmogo le nnotagi, e mo rotlweditse go ka tla ka porogorama eno ya toga-maano.

“Gore re feleletse re tlile ka porogorama e, re itemogetse mathata a mantsi a basha ba rona ba ba iphitlhelang ba samagana le one. Re lemogile fa bontsi bo iphitlhela bo wela mo serai sa go ka dirisa diritibatsi ga mmogo le tiriso e botlhatswa ya nnotagi.

“Jaanong gole ga ntsi, ke bana ba dikolo ba ba fitlhelang ba amegile. Maikaelelo a rona ke go ka ba tsibosa ka tiriso eno e botlhatswa ya dilo tse, gonne ba feleletsa ba iphitlhela ba tsene ka ntlo-lehitshwana,” Moreane wa tlhalosa.

Gape o kaile fa ba leka ka bojotlhe go ka busetsa serodumo mo magareng ga basha. Moreane are, jaaka Afrika Borwa e keteka kgwedi ya bomme, ba tsweletse go nna kgatlhanong le tshotlakako ya bomme le bana.

“Tshotlakako ya basadi le bana ke tlhoba boroko mo setshabeng sa rona. Jaanong jaaka TAGF, re ka rata go ka rotlwetsa thata borre gore le bone ba eme ka dinao, mme ba tseye karolo mo go fediseng tshotlakako ya bosadi le bana.

“Porogorama e, e tlile go tswelela kwa dikolo ka go farologaneng go ralala Taung. Mme kemo-nokeng ya lona ka kakaretso e botlhokwa. A re emeng ka dinao go ka aga setshaba se se nang le ponelo-pele,” Moreane a re jalo.  

Mokgogo wa sekolo, Mphato Melamu are porogorama e, e tlile go ba thusa thata, mme ebile bokao jwa yone bo setse bo bonagala. Melamu a re o nagana fa mongwe le mongwe yo a leng teng ka kwano, a kgona go bona diphetogo mo seemong sa baithuti, gonne go bontsha fa ba tlhatswegile mo moweng.  

“Se, ga se tirelo ya ntlha e e tsweleditsweng ka kwano, gonne re le barutabana, re tlhaloganya gore bana ba tla dula ba ntse ba na le makoa a bone. Jaanong jaaka re le batsadi, re tshwanetse gore re ba eme nokeng go fitlhela ba fetoga mo ditseleng tsa bone tse ba di tsayang tse di sa siamang.

“Ke tla rata thata go ka rotlwetsa batsadi go ka tswelela fela jalo ka go nkema nokeng. Re leka ka bojotlhe, gonne seemo se fetogile mo sekolong sa rona. Go ne go na le baithuti ba ba neng ba dirisa diritibatsi. Fela, kene ka dula le bone mo fatshe, mme ra tla ka tharabololo,” Melamu wa tlhalosa.

Are go fitlha ga jaana, phapang e ntsi thata mo ebileng bontsi jwa baithuti ba fetogile. Melamu are gona le bana ba ba tswang kwa malapeng a sa itsholelang, mme ba tshotse tshwetso ya go ba thusa.

Mopresidente wa baithuti kwa sekolong, Amantle Wanyane (16) are: “Tiriso e botlhatswa ya diritibatsi ke tlhoba boroko mo baithuting ba rona mo sekolong. Diritibatsi tseo di dirisiwa thata ke baithuti ba basimane, jaanong  seo se ama tiragatso ya sekolo.

“Jaanong go bona gona le tirelo ya thapelo mo sekolong sa rona, re tshepa fa e tla tlisa phapang gonne re tla itse se se molemo le bosula go tloga ga jaana. Ga o le botlhale o le ngwana o utlwa, o tla itse gore sengwe le sengwe se o se dirang sena le ditla-morago.”

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.