
Ka KEDIBONE MOLAETSI
Baagi ba ba farologaneng kwa motseng wa Glaudina gaufi le Schweizer Reneke, ba itumeletse thebolo ya ditirelo go tswa mo pusong. Masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati ga mmogo le mafapha a a farologaneng, ba ne ba etetse motse wa Glaudina go ka tlisa ditirelo kwa bathung.
Mongwe wa baagi, Olebogeng Madito wa dingwaga dile 68, o ikuetse mo pusong go ka tswelela ka lenaneo la thebolo ya ditirelo, mme ba se boele morago. Madito are ba sentse ba tshelela motlase ga tlhaolele kwa motseng wa bone.

“Re amogetse ketelo ya puso ka botlalo, mme re ne re re e nne selo sa leruri gore kamoso ha re nna le bothata re bone thuso. Re kopa gore puso e re sekegele tsebe mo mathateng otlhe a re nang le one mo tulong e.
“Re sentse re tshelela motlase ga tlhaolele, mme ga se re fitlhelele boipuso jo go buiwang ka bone. Mo Gluadina, re na le bothata gonne rona barua-kgomo ga gona mo diphologolo tsa rona di hulang teng,” Madito wa tlhalosa.
A re leruo la bona le hula mo tseleng, mme re tlhoka lefatshe. Go ya ka Madito, basweu ba ba dulang mo dipolaseng tse di gaufi, ba tsweletse go bolaya kgotsa go neela leruo la bone bolthole fa le hula gaufi le dipolase tsa bone.
Evelyn Bogatsu wa dingwaga dile 39, ene o ikuetse go puso go ka netefatsa fa ditsela di nna mo maemong a a namatshang segolo bogolo jang fa dipula dinele.
Sebueledi sa motlatsa-tona wa lefapha la dikgwa, tikologo le botshwara-tlhapi, Makhotso Sotyu, se kaile fa seno se tlile go tswelela go ralala sedika. Christopher Mashilo wa tlhalosa: “Jaaka re le fa, re tlisitse ditirelo go baagi, gonne re a itse gore bontsi jwa baagi mo mafelong a farologaneng ga bana ditlabakelo tsa go ya kwa toropong go ka fitlhelela ditirelo tse di farologaneng tsa puso.
“Jaanong seno, se tlile ba fa tshono ya go bona thebolo ya ditirelo tse di farologaneng. Mafapha a le mantis a gorogile ka kwano, mme re itumetse thata go utlwa fa thologelo ya baagi e namatsa segolo bogolo jang lefapha la boitekanelo. Re itemogetse fa baagi ba tlile ka bontsi fa re bapantsha le kwa setheo sa kliniki.”
Jaanong, Mashilo o kaile fa ba tlile go etela masepala wa Taung go tloga.
Kgabagare, majoro-khuduthamaga wa sedika, Motseokae Sense Maje are bontsi jwa baagi ba amogetse thebolo ya ditirelo tse di farologaneng, mme o rotloeditse basha go ka ikatimetsa go kantoro ya gagwe ya sedika go ka iponela ledi la go ka tlhola ditiro tse di farologaneng.
“Re na le mafapha a farologaneng jaaka la tsa merero ya selegae, le le neng le kwadisetsa baagi makwalo-itshupo, lefapha la sepodisi le lone le ne le le teng go ka thusa baagi ka go ka tlanya ditokomane tsa bone ga mmogo le lefapha la pholo.
“Re ne re na le lefapha la dipuso selegae ga mmogo le matlo, mme ba ne ba dira ga mmogo le masepala wa selegae wa Mamusa. Mme masepala o ne o kwadisa baagi ba ba dikobo dikhutsane thebolo ya ditirelo tsa mahala,” Maje wa tlhalosa.
Maje gape o kaile fa lefapha la tlhabololo ya loago le lone le ne le gorogile go ka neelana ka ditirelo go baagi ba ba batlang go ikwadisetsa kamogela ya madi a kotlo.
“Baagi ba tlhagisitse mathata a farologaneng, mme re fitlhetse fa bana ka bontsi kwa dikolong ba sena ditokomane tsa boitshupo jaaka ditlankana tsa matsala. Gape re lemogile fa ba sa bone madi a kotlo.
“Re lemogile fa go sentse go na le tlhokego ya matlo, fa botlhoka-tiro le bone bo ile kwa godimo. Jaanong, re rotlwetsa basha go ka ikgolaganya le kantoro ya rona ya masepala wa sedika, gonne re na le mafapha a a farologaneng a ka ba thusang ka go tla ka toga-maano ya go tlhola ditiro,” ga bua Maje.
Are ba na le lefapha le le ikarabelang ka tsa tlhabololo ya ikonomi, bojanala ga mmogo le temo-thuo. Maje are lefapha le, lena le matlole a ka thusang basha gore ba kgone go tlhomama ka go itirela ditiro tse di tla ba direlang letseno.