

Ka REGINALD KANYANE
Kgetsi ya polao kgatlhanong le lekgarebe la kwa motseng wa Dryharts gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlha-tshekelo ya Taung. Seno se tla morago ga gore Rebaone Badise (28) a tshwarwe le go latofadiwa ka polao ya lesea la gagwe la ngwaga.
Tiragalo e, e diragetse ka kgwedi ya Mopitlwe 2022.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Col Adele Myburgh, setopo sa mosetsanyana se se neng sena le dintho tsa go tlhabiwa mo thamung, sene sa bonwa kwa nageng kwa motseng wa Matlapaneng.
Myburgh o kaile fa Badise yo eleng mmagwe moswi, o ne a bonwa ke rremogolo wa gagwe a tswa ko ntlung a tshotse lesea, mme ene ya re mo go boweng ga gagwe, ene ya nna: “o ne o mpeile kae lesea.”
Myburgh are seno sene sa makatsa bagolo, mme ba ne ba botsa Badise gore o tlogetse kae lesea.
“Go begwa fa Badise a ne shadikanya matlho, mme a mela muta mo ganong ka ntlheng ya go tlhoka dikarabo. Go ya ka tsedimosetso, sepodisi se ne sa letsetswa, sepodisi sene sa bolotsa letsholo-patlo ya lesea. Go begwa fa setopo sa gagwe sene sa bonwa kwa nageng sena le dintho tsa go ka tlhabiwa.
“Lesea leno, lene la kaiwa fa le tlhokofetse ke ba ditirelo tsa pholo ya ka bonako kwa lefelong la tiragalo. Seno, sene sab aka gore mmagwe ngwana a lelelwe ke ditshipi. Mokomishinara wa sepodisi mono Bokone Bophirima, Lit General, Sello Kwena o ile a akgola batsadi ba molatofadiwa ka go ka itsise sepodisi ka tiragalo eno,” Myburgh wa tlhalosa.
Myburgh gape o kaile fa Kwena, a tsweletse go ikuela go baagi go ka nna le tirisano mmogo ga mmogo le sepodisi, mme ba neelane ka tshedimosetso ya bogodu bongwe le bongwe jo bo diragalang.
Kgabagare, kgetsi e buseditswe morago go fitlha fa kgwedi ya Phatwe e tlhola matsatsi a le 4 fa dipatlisisdo di tswelela.
He doesn’t even deserve a bail, such a brutal murder of a child who can’t even talk. Let him rot in jail, he’s so dangerous to live with our children.
LikeLike