
Ka KEDIBONE MOLAETSI
Tshega e ne e fapogile metsetelo morago ga gore baagi ba Kolong mo no Taung, ba ntane ka noga e leba-leba. Seno, se tlisitswe ke tlhokego ya metsi go baagi ba ba dulang kwa ko karolong ya thaba.
Go begwa fa setlhotshwana sengwe sa baagi ba kwa thabeng, ba ne ba itelekela kwa karolong e e kwa tlase ya motse, mme ba tsaya dibante tse di pompelang baagi bano metsi. Motsetsi o ne aja ka seatla morago ga gore go runye ntwa e matlho mahibidu magareng ga baagi bano.
Mongwe wa baagi, Phemelo Marake wa tlhalosa: “Tota, matsapa ke tlhokego ya metsi ka gore mo kolong, go na le dikarolwana di le pedi. Jaanong, re itemogetse gore metsi a fitlhelela baagi bangwe, fa ba bagwe a sa ba fitlhelele.
“Jaanong, re ne re ikuela go puso go ka tla ka tharabololo gonne seno se lwantsha baagi. Re kopa puso e re rekele motshini o o pompang metsi, mme o isiwe kwa moditelong o o kwa godimo.”
Marake are, seno se tla thusa thata, mme ebile baagi batla bona metsi botlhe ka gangwe.
Maserame Magare o go begwang fa mabante a pompang metsi a ne a le kwa ga gagwe are, ba na le dingwaga di feta pedi ba itemogela tlhokego ya metsi. Magare a re ba ikuetse kwa pusong go ka tla ka tharabololo, mme yone ene ya itshela moreti o tsididi.
“Re ikuela mo pusong gore e dire ka go akoga, gonne kgang ya metsi ke tlhoba boroko. Go na le motshini o mongwe o o pompang metsi kwa Makwating. Jaanong, ha ele gore puso e ya tlholega go ka baakanya dipeipi tse di tlhatlhosang metsi go ya kwa godimo, e ka nna ya re baakanyetsa motshini,” Magare wa tlhalosa.
Moagi o mongwe, Lucas Modise le ene o latlhetse la gagwe la motla-pitsong.
“Jaaka re le baagi ka kakaretso, re tsweletse go itemogela tlhokego ya metsi ka ntlheng ya gore maditelo a teng ga sa tlhole a kgona go neelana ka metsi ka tshwanelo, gonne motse o godile.
“Mme tharabololo ke gore puso e dire gore metshini e bereke e le mebedi ka gangwe. Seo, se tlile go dira gore re bone metsi rotlhe, mme se thibele dikgotlhang tse di leng teng mo ma gareng ga baagi,” Modise wa tlhalosa.
Kgabagare, majoro wa sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseokae “Sense” Maje o ne a kuwa kopano le baagi le go ka tla ka tharabololo. Maje o kaile fa ba setse ba tlhomile setlhopha se se tlileng go dira ditlhotlhomiso tsa go bona gore tlhokego ya metsi e bakiwa ke eng.
“Re kopane le baagi, mme re setse re tlhomile setlhopa se se tlileng go ka samagana le kgang ya tlhokego ya metsi ko Kolong. Fela ga re felele foo, re tlile go dira ditlhotlhomiso tsa go batla bothata jo bo tlholang tlhokego ya metsi ka kwano.
“Gape, re itemogetse gore baagi ba ba dulang kwa thabeng, kgale ba itemogela tlhokego ya metsi, jaanong go tshwanetse re tle ka tharabololo. Jaaka masepala, re tla lebelela gape le setlamo se re se dirisang gore a sena le bokgoni jwa go ka abela baagi ba rona metsi,” Maje wa tlhalosa.