
Ka OBAKENG MAJE
Kgosi-kgolo ya Batlhaping Baga-Maidi kwa Taung, Kgosi Nnyoko Charles Motlhabane, o ne a tsweleditse metsele-tsele kwa metsaneng yotlhe e e welang mo tlase ga taolo ya bogosi jwa Baga-Maidi mo bekeng eno.
Seno, se tla morago ga gore morafe wa Batlhaping Baga-Maidi o tsene mo tumalanong ya go ka tshimolola moepo mo metsaneng ya bone ka go farologana.
Motlhabane, o tshimolotse loeto la gagwe kwa Tlapeng le kwa Matsheng, mme mo letsatsing la gompieno, o ne a etetse motsana wa Kokomeng ga mmogo le wa Khudutlou. Go ya ka Motlhabane, lefatshe la Baga-Maidi, le na le dimenerale ditshwana le gauta, ditaemane, iron ore ga mmogo le letlapa le le dirang disemente.
Jaanong go kaiwa fa seno se tlile go ka ungwela baagi ba metsana ele 12 e e mo tlase ga segosi sa Baga-Maidi.
“Jaaka re le segosi sa Baga-Maidi, re ile ra itemogela mo nakong e e fetileng gore metsana ya rona ena le dimenerale tse di farologaneng jaaka ditemane, gauta, iron ore ga mmogo le letlapa le le dirang semente.
“Jaanong, ka se sebaka, ditlankana tse re di tshwereng (mining permit) di mo maineng a morafe. Re kopane le dikgetlho pele ga re ka bona ditlankana tse tsa moepo, gonne re ne re lwantshiwa ke batho ba ba nang le madi,” Motlhabane wa tlhalosa.
Motlhabane o kaile fa le morago ga go bona ditlankana tse, go ne ga nna thata gore ba bone ba beeletsi segolo thata jang mo lephateng la ditemane, gonne le laolwa ke batho bangwe ba ba rileng. A re o batla go bona fa dimenerale tsotlhe tse di mo metsaneng ya Baga-Maidi di ungwela baagi ka go farologana.
“Ke batla go e totobatsa gore dimenerale tse, ga se tsa ga ope mme ke morafe fela ka nosi o tshwanetse ke go ka ungwelwa. Jaanong, re sentse rele mo legatong la go ka totobatsa fa dimenerale tse re nang le tsone di ka re kgontsha gore re tshimolole ka moepo (exploration processes).
“Ke ntse ke tsenya dikopano le baagi, mme fela jaaka o itse gore mathata ga nke a tlhokega. Se ke tla se itumelelang ke tirisano-mmogo le go bona moruo wa lefatshe la rona o ungwela morafe,” Motlhabane wa tlhalosa.
Motlhabane o kaile fa ba setse ba thapile setlamo sa Maubane Mineral Resources go ka tsweletsa tiro eno.
Mokaedi kwa setlamong sa Maubane Mineral Resources, Karabo Maubane yo o kaileng fa go tshimolola moepo ele kgwetlho are, ba tlile go ka tshimolola ka ditlhotlhomiso tsa bone le go romela baitsanape mo go tsa moepo go ka tla go netefatsa boleng jwa dimenerale pele ba ka tshimolola ka moepo.
“Se se tshwanetsweng ke go ka dirwa ke go dira ditlhotlhomiso gore a dimenerale tse di leng teng mo lefatsheng le, a di tla letla gore moepo o nne teng le gore o ka tsaya nako e kae. Morago ga moo,ke gone re tla tlhalosetsang morafe wa Baga-Maidi ka ditlhabololo tse re tlileng go ka di dira mo metsaneng ya bone,” Maubane wa tlhalosa.
Kgabagare, baagi bangwe ba ne ba kgoreletsa kopano. Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Lebogang Dansen wa tlhalosa: “Bothata ke gore kgosi ga dira dikopano le morafe ka tsela e e siameng. Mo nako e e fetileng re dumalane le bogosi, mme ra tsaya tshwetso (resolution) e e siameng, moo ga ba ga dirwa ditlhotlhomiso tse di shupang gore ditemane di teng ke makgoa mangwe a ne a epa fa.
“Jaanong dipatlisiso tseo, di ne tsa supa fa lefatshe la rona le siametse go ka tsweletsa moepo. Mme ga jaana re maketse fa kgosi a re re tshwanetse go tlogela setlamo sengwe se tle go epa nakwana (exploration) pele ga moepo o ka tshimolola.”
Densen are kepo ya nakwana ga e tle go ungwela morafe. Are morafe o ne wa latlhegelwa ke ditemane mo nakong e e fetileng morago ga go tlogela setlamo sengwe se epa mo motseng wa bone.
“Jaanong, kgosi o fetotse tumalano, mme ga ntshe le mabaka gore go tlile jang. Ha kgosi a tsena ko go rona, o kaile fa ele ene rammu ebile re tlile go utlwa fela ka ene.
“Seo, ke sone se se tshwentseng morafe go tlhakana e le kgale re ntse rena le matshwenyego a nako e e fetileng. Re santse re emetse setlankana se se neelanang ka tetla ya go epa (mining permit) go tswa kwa bogosing, mme ha kgosi a tshwanetse gore are se neele, ga dire jalo,” Densen wa tlhalosa.
Motlhabane yo dikopano tsa gagwe di tsamaileng sentle kwa metsaneng e mengwe, o kaile fa a tlile go boela kwa baagi ba Tlapeng le go ka buisana le bone sesha.