
Ka REGINALD KANYANE
Baagi ba Taung ba itsisiwe fa tiro ya tlhatso kwa Dikgageng gaufi le Mokgareng mo Taung e weditswe. Seno se tla morago ga gore moithuti wa tsa bongaka jwa setso, Boitshepo Sapelo (32), a tlhokafalele kwa lefelo la tiragalo mo dibekeng di feta tharo tse di fetileng.
Go begwa fa moithuti, Sapelo yop o ne a ithutela tsa bongaka, mme a setse fela ka malatsi a le mabedi go ka konosetsa dithuto tsa gagwe tsa bongaka, a ne a nwela kwa tamong eno.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi sa Bokone Bophirima mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Sarasanta Tryphosa van Rooyen, sepodisi sene sa bilediwa kwa tamong morago ga dipego tsa go nwela.
“Go begwa fa Sapelo yo one a na le morutabana wa gagwe wa tsa bokgaka ga mmogo le baithuti ba bangwe, o ne a nyelelela mo metsing ka motsi wa tlhapiso ya gagwe. Go ya ka dipego, setopo sa ga Sapelo se ne sa tlhagelela morago ga metsotso.
“Sepodisi se se thumang sene sa itelekela kwa tamong go ka ya go ntsha setopo sa moswi, mme kgetsi ya morago ga loso ene ya bulwa ke sepodisi sa Taung,” van Rooyen wa tlahlosa.
Kgabagare, Pooepadile Tas o ne a kopa batho ga mmogo le dingaka tse dingwe go se etele lefelo leo pele le tlhapisiwa. Jaanong Tas are tiro ya go tlhapisiwa ga le felo e weditswe, mme o sentse a ikuela go dingaka le batho go ka efoga lefelo leo go fitlhela ba itsisiwe gore le siametse go ka dirisiwa gape.
“Madume ke se Afrika morahe wa Taung. Kelo itsise fa re kgonne go fitisa tiro ka ko Dikgageng, mme ke rata go leboga losika la ga Power Seleke go re ema nokeng ka go nna teng. Ka maswabi, dingaka tsone dine di seo bagaetsho, re tshwaraganetse tiro eo le Otlhagile Maetso/Maine re patilwe jaalo ke Rremogolo Keonyaditse go tswa Cokonyane.
“Ke sa lebale tshegetso ya ga Kgosi Ntokwe le tirisano mmogo ya ga Kobela ene o o tlhagetswe ke bothata jo. Ka mohau wa Modimo le tshireletso ya sedimo, go weditswe ntle le kgaruru epe. Ka jaalo baagi le dingaka re sa lo kopa gape go emisa go ya ko Dikgageng go fitlhelela lo lokololwa go ya teng,” Tas wa tlhalosa.
