

Ka REGINALD KANYANE
Baagi ba ba shakgetseng ba motse wa Manthe mo Taung, ba kaile fa ba se kitla ba emisa ka ditshupetso go fitlhelela ditopo tsa bone di arabiwa. Go ya ka mongwe wa baeteledipele wa baagi, Botiki Ntwayagae, o kaya fa ba batla di karabo go Kgosi-Kgolo, Nnyoko Motlhabane mabapi le go epiwa ga ditemane ka botsotsi ke segongwana sengwe sa batho kwa matikiring a morafe.
Go ya ka tshedimosetso, go begwa fa mongwe wa letsogo la kgosi, Rre Percy Matshane, e le ene a letleletseng segongwana sengwe go ka epa ditemane ntle le tetla ya morafe. Jaanong, tshega e fabogile lerago, gonne baagi ba boloditse ditshupetso le go tswala ditsela ga mmogo le dikolo.
Ba kaya fa Motlhabane a ganne go amogela le kwalo la ditopo (memorandum), mme seo sene sa isa kwa go bolotseng ditshupetso.

“Jaaka re le baagi, re bone go le bototlhokwa gore re bolotse mogwanto go fitlhela ditletlebo tsa rona di reediwa. Re ile ra dira kopo ya go ka tsweletsa mogwanto wa kagiso kwa kgotlha-tshekelo ya Taung.
“Seno, ele maikaelelo a go ka pateletsa Kgosi Nnyoko Motlhabane go ka arabela ditletlebo tsa rona. Re le morafe, re ile ra kwalela Motlhabane makwalo a feta tharo go ka leka go tlisa tharabololo mo mathateng a aparetseng morafe. Fela, ga ra bona dikarabo go fitlha ga jaana, ke ka moo o bonang baagi ba eme ka ditsetsekwane go ka leka go lwantsha bogodu le botsukunape, le go ka sireletsa se eleng sa bone,” go tlhalosa Ntwayagae.
O kaile gape, fa Motlhabane a sena maikaelelo a go ka reetsa morafe, mme o ba bileditse mapodisi. Ntwayagae o kaile fa baagi ba batla gore sengwe le sengwe se se dirwang se dirwe mo mpananeng fela jaaka Motlhabane a solofeditse baagi gore go tlile go nna le moepo mo motseng wa bone.
“Go setse go fitile dingwaga di ka nna tlhano re ntse re emetse meepo. Jaanong ke nako ya gore, Kgosi Motlhabane a emise ka matikiri, mme kgang ya moepo e diragale,” Ntwayagae wa tlhalosa.
Kgosi Nnyoko Motlhabane yo o ne a tlhapa diatla jaaka Pilato, o tlhalositse fa a sa itse sepe ka segongwana se se epang ditemane kwa matikiring a baagi, mme a tlhalosa fa seo go begwa se dirilwe ke rre Percy Motlhabane ntle le tetla ya gagwe.
“Morago ga gore ke utlwe ka magatwe a gore go na le segongwana se se epang ditemane mo motseng, ke ne ka bitsa keteledipele ya segosi ka di 9 Tlhakole 2022. Mme ke ne ka itsise rre Percy Matshane ka se se diragalang.
“O ne a re bolelela fa ele ene a tlisitseng komponi nngwe, e e tla simololang ka go ka epa ditemane. Fela, se se makatsang, rre Matshane o ne a palelwa ke go tlhalosa fa gobaneng a ne a sa re itsise, segolo thata jang nna jaaka kgosi,” Motlhabane wa tlhalosa.
Motlhabane o kaile fa a ne a kaela Matshane fa a tlile go mosekega nakwana fa di patlisiso ditsweletse kgatlhanong le ene. O ne a kaya fa a tshwanetse go ka kopana le modulasetulo wa board, eleng Prof Mogege Mosimege.
Motlhabane are, ene ya re ka di 15 Mopitlwe 2022, o ne a bitsa kopano ya keteledipele ya segosi, mme ba tsaya tshwetso ya go ka sekega Matshane.
“Go bua nnete, ga ke sa tlhole ke tshepa Matshane, ebile ke kopa re seka ra reetsa batho ba ba sa bueng nnete. Motse wa Manthe o na le ditemane tsa boleleng jwa di millione tsa di dolara tsa Amerika di ka nna 36, mme ebile bopaki jwa bo rra-saense bo teng.
“Dipatlisiso kgatlhanong le Matshane di tlile go tswelela, mme mo bekeng e tlang, ke tla be ke saena konteraka le komponi nngwe e kgolo. Fela, morafe o tla bidiwa go tla go nna dipaki,” ga tlhalosa Motlhabane.
Ka maswabi, rre Percy Matshane yo go kaiwang a amogetswe kwa bookelo golo gongwe kwa Gauteng, ga kgona go ka araba dipotso tsa rona pele ga kgatiso e.
Kgabagare, sebueledi sa Lefapha La Thuto mo Bokone Bophirima, Elias Malindi, o kaile fa ba na le toga-maano ya go ka leka go thusa baithuti gore ba tsweletse dithuto tsa bone sentle morago ga ditshupetso.