
BAKANG MOKOTO
Baagi ba kwa motse-setoropong wa Utlwanang gaufi le Christiana ba kaile fa ba tshositswe ke go tlhokafala ga mosimanyana wa dingwaga dile 17 kwa sekolong sa setso kwa dipolaseng tse di gaufi le Matsheng mono Taung.
Go kaiwa fa Katlego Moselane a ne a ngwegela mophatong ka di 13 tsa Sedimonthole 2021, mme ene ya re ka di 19 Sedimonthole 2021, go ne ga begwa fa rra-mophato a ne a itelekela kwa lelapeng la moswi. Go ya ka moemedi wa baagi, Olebogeng Morake ga gwaka ga nna le puisano e e tlhapileng magareng ga rra-mophato le ba lelapa la moswi.
“Re ikuela go borra-mophato go ka dirisana thata le ba malapa a bana ba ba ileng sekolong sa setso. Gara itumelela ka mokgwa o rra-mophato a tsamaisitseng dilo ka teng gonne, o gorogile kwa lelapeng lo rra Moselane ka di 19 tsa Sedimonthole 2021 go tla go tlhalosa fa boitekanelo jwa moswi e se jo bo namatshang.
“O fitlhile mme a batlana le karata ya klininiki ya moswi, le dinomore tsa mogala tsa motlhokomedi. O ne a tsamaya, mme e ne ya re moragonyana a boa gape a tla go tlhalosa fa mosimanyana a tlhokafetse,” Morake wa tlhalosa.
O kaile gape fa dikolo dingwe tsa setso di sa latele melao le melawana mme ditsenya bana mo sekolong entle le tetla ya batsadi kgotsa batlhokomedi. Morake a re go bontsha gape fa melao ya COVID-19 le yone e sa salwe morago, mme o kgadile borra-mephato ka go dirisa dikolo tsa setso go ka ikhumisa.
“Dikolo tsa setso di dirisetswa go ka ikhumisa mme matshelo a bana ga a mo pabalesegong. Loso la mosimanyana o le re amile thata gonne re ne re setse re solofetse tse dintsi go tswa mo go ene.
“Re kgala thata tiragalo e, mme re tshepa fa majoro wa rona mo Lekwa-Teemane eleng Sebang Motlhabi yo le ene ga jaana a leng kwa sekolo sa setso kwa Bloemhof, a ka fitlha a kgala tiragalo e thata,” Morake wa tlhalosa.
Kgabagare sebueledi sa sepodisi mono sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Serg Tryphosa van Rooyen o netefaditse tiragalo e. Van Rooyen are: “Lekawana leno le ne la idibala kwa sekolong sa setso morago ga difitlholo. Go kaiwa fa go ne ga bidiwa ambulance go ka ya go thusa, mme ka maswabi moswi o ne a tlhokafala.
“Kgetsi ya morago ga loso ene ya bulwa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Amalaia mme dipatlisiso tsa morago ga leso di tsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa.
Kgosi ya Batlhaping Baga-Maidi, Nnyoko Motlhabane o kgadile tiragalo eno. Motlhabane o kaile fa seno ele matlhabisa ditlhong mme ebile o ikuetse go batsadi go ka netefatsa fa ba sa tlogele bana ba bone ba ngwegela mephatong e e seng mo molaong.
“Re ikuela go batsadi go ka netefatsa fa ba itsise sepodisi ka ditiragalo tseno. Rona mo ga-Maidi ga ra tlhatlhela mophato. Ke fela gore tiragalo e, e diragaletse kwa dipolaseng tse di gaufi le motse wa Matsheng eseng kwa Matsheng go ya ka dipego.
“Go tshwanetse ga tsewa dikgato tse di tseneletseng kgatlhanong le botlhe ba ba robang molao. Mephato e e seng mo molaong ga ya tshwanelwa ke go letlelelwa mme ke ikuela go ba ba maleba go ka tsaya dikgato,” Motlhabane wa tlhalosa.
That’s why it was said from the start that they must pass through clinic to examine some illness like hypertension
LikeLike