OBAKENG MAJE
Baagi ba kwa kgorwaneng ya borataro kwa motseng wa Myra gaufi le Taung, ba ne ba tsenetse kopano ya go ka atlha-atlha seemo se ba iphitlhelang ba le mo go sone morago ga tsamaiso e tshokameng ya boeteledipele jwa lekoko la ANC kwa motseng wa bone.
Baagi ba latofatsa boeteledipele jo bone bo tsamaisa ditlhopo tsa go ka tlhopa ntlhopeng wa bone go ka nna mokhanselara mo ditlhopong tse di tlang tsa dipuso selegae, ka go gobelela.
Go kaiwa fa Daddy Mmokwa yo o ne a gaisanela ditlhopo tseo kgatlhanong le Boikanyo Pulatso, ene ele mmamoratwa go ka fenya ditlhopo tseo. Fela, boeteledipele bo latofadiwa ka go ka fetola leina la gagwe, le go ka tsenya Pulatso jaaka ntlhopeng ntle le tumalano ya baagi.
Jaanong, go begwa fa Mmokwa a kubogetswe ke lwetsi jwa tlhaloganyo morago ga go utlwa fa leina la gagwe le seo mo lenaneng la bontlhopeng.
Mongwe wa baagi, Oupa Tidikwe a re baagi ba neetswe motho o ba sa mo tlhopang, mme ba ikaeletse go ka nna kgatlhanong le ditlhopo fa dikeletso tsa bone di sa diragadiwe.
“Ka Labotlhano se se fitileng, kene ka leletsa ko dikantorong tsa sedika tsa ANC, mme ke ba itsise ka seemo sa boitekanelo sa ntlhopeng wa kgorwana ya rona o o neng a itlhomile kwa pele gore o na le bothata jwa pobolo.
“Mme, re utlwane le boeteledipele kwa sedikeng gore Mmokwa o tshwanetswe ke fiwe nakonyana. Nna jaaka ke eme fa, ga ke itse gore bothata jwa gagwe ene ele eng, fela ke tsaya gore jaaka re itse gore fa ene ele gore gongwe a ka tswa a amilwe ke bolwetsi jwa COVID-19, molao o mo letla gore a neelwe matsatsi a le masome le bone gore a boele mo semong se se siameng,” Tidikwe wa tlhalosa.
Tidikwe o tsweletse ka la gore, lekoko le le busang la ANC, le ne la tlhalosa fa baagi ele bone fela ba ba nang le lentswe la bofelo go ka tlhopa ntlhopeng. Fela are ga jaana, tsamaiso ya batho ba ba neng ba tsamaisa ditlhopo, ene e tshokame mme e ikabile ka letlhakuri.
“Tsamaiso e re e itemogetseng e ne e sa siama mo ebileng e gobelela. Boeteledipele ga bo a naya metse e mengwe e e welang mo kgorwaneng ya rona tshono ya go ka tlhopa. Seo se raya gore, ditshwanelo tsa bone digatakilwe.
“Go ya ka menyenyetsi, pegelo e e isitsweng kwa sedikeng, e tsamaisitswe ntle le katlenegiso ya komiti e e neng e tsamaisa ditlhopo. Mme jaaka re le baagi, re ipotsa gore motho o ba mo tlhopileng o tlile go emela bo mang gonne ga se tshwetso ya rona jaaka baagi,” Tidikwe wa letologa.
Kgabagare, Siski Dilitsotlhe yo o ne a gaisanela bontlhopeng le ene o latofatsa keteledipele ya lekoko ka go gobelela.
“Se se diragetseng ke gore, Mmokwa o fentse Pulatso ka dipalo tse di kwa godimo. Nna jaaka ke ne ke le ntlhopeng, gotlhe-gotlhe ga ke a itumedisiwa ke tsamaiso gonne go tshwanetswe gore go tlhopiwe mo metseng yotlhe, fela ga gwa nna jalo.
Fela, lekoko la ANC le amogetse fa go nnile le matsapa mo go kwadisiweng bontlhopeng ba lekoko. Motlatsa mokwaledi wa bosetshaba wa lekoko, Jessie Duarte, o boleletse Taung DailyNewsfa ba tlile go ka leba kwa kgotlhatshekelo ya ditlhopo go ka ikuela gore tsamaiso ya ikwadiso e Bulelwa gape gonne lekoko la gagabo ke batla go fetola maina a bontlhopeng le go dira paakanyo ya ikwadiso.
