Baagi Ba Molelema Ba Tlhoka Motlakase


Ka REGINALD KANYANE

Baagi ba feta makgolo a le mararo kwa motsaneng wa Molelema gaufi le Taung ba ikuela go masepala o mogolwane wa Taung (The Greater Taung Local Municipality) go ba neela motlakase mo matlung a bone.

Baagi bano, ba kaile fa ba na le dingwaga-ngwaga ba ikuela go masepala go ba tsenyetsa motlakase, mme masepala o itshela moriti o o tsididi. Mongwe wa baagi ba ba tshakgetseng, Kgotlha Molwantwa are ga e sala a agelwa ntlo ya RDP e e senang motlakase ka ngwaga wa 2009, mme le go fitlha ga jaana ga se ba bone motlakase.

“Pelo tsa rona di botlhoko gonne go thata go tshela ntle le motlakase. Fela se se makatsang ke gore matlo mangwe kwa metseng e tshwana le Kokomeng, Matsheng ga mmogo le kwa Longaneng a tsentswe motlakase le fa a tlile morago. Jaanong re batla go itse gore masepala o re sekisa eng se se kana-kana,” Molwantwa wa tlhalosa.

O mongwe wa baagi, Maria Gaedie yo eleng moruti kwa kerekeng ya Bethlehem Reformed Church o kaile fa kereke ya gagwe ena le dingwaga di feta 15 e sena motlakase.

“Ke ile ka ikuela go masepala go ka ntsenyetsa motlakase mo kerekeng yame, mme ke ile ka shwaba nko go feta molomo morago ga gore ba nkaele go se matshwanedi gore dikereke di nne le motlakase.

“Jaanong go thata fa re na le dikonferense le dikolobetso kwa kerekeng gonne ga rena motlakase. Re kopa masepala o dire ka natla gore le rona re nne le motlakase. Dithapo tsa motlakase di feta fela fa thoko ga kereke, mme gore bothata ke eng re sa tsenyediwe motlakase ga re itse,” Gaedie wa tlhalosa.

Moeteledipele wa baagi, Mothibi Makoro are se se botlhokwa ke gore puso e nne le barongwa ba ba siameng mme ba bee dikgatlhego tsa baagi kwa pele. Makoro are ba ikuela go baeteledipele kwa masepala go etela baagi mme ba ba tlhalosetse gore matsapa di a tsaya kae.

“Re eletsa gore baagi enne bone ba ba tlhopang baeteledipele ba ba tla ba emelang jaaka barongwa pusong. Seo se tlile go fedisa ngodiego le botsokunapi mo go direleng setshaba. Jaanong re ikuela go mmusa-kgotlha wa masepala, Ebusang Tladi gore a tle le mokhanselara wa kgaolo, Nosi Ntasi mme ba tlhalose gore ke mabaka afe a a dirileng gore baagi ba Molelema ba be ba sena motlakase mo ngwageng one wa dichelete,” Makoro wa tlhalosa.

Kgabagare, mmusakgotlha wa masepala o mogolwane wa Taung, Ebusang Tladi are: “Jaaka masepala, re ne re solofetse gore mafelo a a tshwanang jaaka Molelema, Kokomeng ga mmogo le mafelo a mangwe a tla be a bone motlakase go ya ka tsela e re ile ra atlegenisa thulaganyo ya matlo ka teng. Re ne re na le metse e feta masome a le mabedi le botlhano (25) e e ne e tshwanetswe ke go tsenngwa motlakase.

“Se se ile sa diragala ke gore katlenegiso eo ya mafelo a a ne a tshwanetse gore a tsenngwe motlakase, a ne a romelwa kwa Eskom jaaka ele batlamedi ba motlakase. Jaaka re tlhaloganya gore Eskom le yone e bona madi go tswa kwa lefapheng la maatla, ba feleditse ba bone ledi le le sa lekanang, jaanong seo sene sa ama mafelo a re ne re a atlenegisitse jaaka masepala. Mafelo a a sa tsenngwang motlakase a tlile go ka tsenngwa mo thulaganyong ya ngwaga o o latelang wa dichelete.”

Tladi o kaile fa ba setse ba emetse karabo go tswa kwa Eskom go ba tlhalosetsa gore ke metse efe e e tla amogelang motlakase mo ngwageng o o latelang wa dichelete.

taungdailynews@gmail.com

 

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.